Tilang go “Tshikhinngwa ka Bofefo mo go Akanyeng ga Lona”! A o
Transcript
Tilang go “Tshikhinngwa ka Bofefo mo go Akanyeng ga Lona”! A o
DECEMBER 15, 2013 DITLHOGO TSA THUTO ________________________________________________________________________________________________________________ ________________________________________________________________________________________________________________ ________________________________________________________________________________________________________________ ________________________________________________________________________________________________________________ FEBRUARY 3-9 FEBRUARY 10-16 FEBRUARY 17-23 FEBRUARY 24–MARCH 2 Tilang go “Tshikhinngwa ka Bofefo mo go Akanyeng ga Lona”! TSEBE 6 DIPINA: 65, 59 A o Tla Intsha Setlhabelo ka Ntlha ya Bogosi? TSEBE 11 DIPINA: 40, 75 ‘Seno e Tla Nna Segopotso mo go Lona’ TSEBE 17 DIPINA: 109, 18 ‘Dirang Seno E le Go Nkgopola’ TSEBE 22 DIPINA: 99, 8 DITLHOGO TSA THUTO __________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Tilang go “Tshikhinngwa ka Bofefo mo go Akanyeng ga Lona”! ZIMBABWE KHABARA: Go thata go fitlhelela batho mo dithabeng tseno, dingwe tsa tsone di na le matlapa a magolo thata kwa godimo. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba rona ba fitlhelela batho mo Dithabeng tsa Matobo, kwa Matabeleland, kwa Zimbabwe ‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐‐ Ruri go botlhokwa gore re se ka ra itetla go tsiediwa gore re dumele gore dikgang tse di belaetsang le magatwe a a feteletseng a boammaaruri! Mo bukeng ya Ntlha le ya Bobedi ya Bathesalonika, re fitlhela ditlhagiso tse di tshwanelang. __________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ A o Tla Intsha Setlhabelo ka Ntlha ya Bogosi? Re tlhoka go intsha setlhabelo gore re tsweletse pele dilo tse di direlwang Bogosi. Mo setlhogong seno, re ithuta ka ditlhabelo tse di neng di dirwa kwa Iseraele. Gape re tla sekaseka dikai tsa batho ba le bantsi gompieno ba ba intshang setlhabelo gore ba eme Bogosi nokeng. BAAGI: 12 759 565 BABOLEDI: 40034 DITHUTO TSA BAEBELE: 90894 Batho ba kwa Zimbabwe ba itumelela go bala dikgatiso tsa rona. Mosupi mongwe le mongwe o tsamaisa dimakasine di ka nna 16 kgwedi le kgwedi __________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ ‘Seno e Tla Nna Segopotso mo go Lona’ ‘Dirang Seno E le Go Nkgopola’ Bajuda ba keteka Tlogaganyo mme Bakeresete ba tshwara Segopotso sa loso lwa ga Jesu mo e ka nnang ka nako e e tshwanang. Ke eng fa re tshwanetse go itse ka ga Tlolaganyo? Re itse jang gore Sejo sa Morena sa Maitseboa se tshwanetse go tshwarwa leng, mme seno se tshwanetse go kaya eng mo go rona rotlhe? GAPE MO MAKASINENG ONO __________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ 3 Jehofa O ne A ba Sireletsa ka Meriti ya Dithaba __________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ 16 A o A Gakologelwa? __________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ 27 Go Lebana le Kgwetlho ya go Swelwa ke Molekane __________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ 32 Kaedi ya Ditlhogo Tsa Tora ya Tebelo ya 2013 December 15, 2013 Vol. 134, No. 24 Semimonthly TSWANA Kgatiso eno ga e rekisiwe. Ke karolo ya tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go ruta batho Baebele mme e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Ditemana tse di mo kgatisong eno di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe. Koo NW e latelang morago ga temana nngwe gone go supa gore temana eo e ranotswe go tswa go New World Translation of the Holy Scriptures—With References ya puo ya Seesemane. The Watchtower (ISSN 0043-1087) is published semimonthly by Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.; L. Weaver, Jr., President; G. F. Simonis, Secretary-Treasurer; 25 Columbia Heights, Brooklyn, NY 11201-2483, and by Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa NPC, 1 Robert Broom Drive East, Rangeview, Krugersdorp, 1739. 5 2013 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Printed in South Africa. JEHOFA O NE A BA SIRELETSA KA MERITI YA DITHABA Photo: Pavel Taclík FA MOSADI mongwe a tswa mo ntlong mo mosong, o bona sephuthelwana se beilwe mo kgorong. O a se sela a bo a lebaleba, mme ga a bone ope mo mmileng. Mongwe yo o sa itsegeng o tshwanetse a bo a ile a se tlogela foo bosigo. O bula sephuthelwana seo go se kae, mme ka bonako fela o tsena mo ntlong a bo a tswala kgoro. Seno ga se gakgamatse! Sephuthelwana seno se na le dikgatiso tsa Baebele tse di thibetsweng! O tlamparela sephuthelwana a bo a rapela mo pelong, a leboga Jehofa ka ntlha ya dijo tseno tsa semoya tse di botlhokwa thata. Go ne go a tle go nne le maemo a a ntseng jalo kwa Jeremane ka bo1930. Fa Banasi ba simolola go busa ka 1933, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa mo dikarolong tse dintsi tsa naga eo. Richard Rudolph, yo jaanong a nang le dingwaga tse di fetang 100 a re: “Re ne re tlhatswegile pelo gore molao oo wa batho ga o ka ke wa re thibela go rera ka Jehofa le ka leina la gagwe. Dikgatiso tsa Baebele e ne e le tsone dilo tsa konokono tse di neng di re thusa go ithuta le go rera. Le fa go ntse jalo, go ne go sa tlhole go le motlhofo go nna le tsone ka gonne tiro ya rona e ne e thibetswe. Re ne re ipotsa gore O ne a direla kwa Phuthegong ya Hirschberg kwa Silesia. Gone jaanong toropo ya Hirschberg e bidiwa Jelenia Góra, mme e kwa borwabophirima jwa Poland. DECEMBER 15, 2013 tiro ya rona e tla tswelela jang.” Go ise go ye kae, Richard o ne a lemoga gore a ka thusa ka go tsweletsa pele tiro eo ka tsela e e sa tlwaelegang. E ne e tla dirwa mo meriting ya dithaba.—Baatlh. 9:36. GO DIRISA DITSELANA TSA BATHO BA BA TSAMAISANG DITHOTO KA BOKUKUNTSHWANE Fa o ya kwa noka ya Elbe (kgotsa Labe) e elelang e tswa gone, kgabagare o tla fitlha mo Dithabeng Tse Dikgolo (Krkonoše), tse di leng mo molelwaneng o o fa gare ga Czech Republic le Poland. Le fa dithaba tseno di le bogodimo jwa dimetara di le 1 600 fela, di bidiwa setlhaketlhake se se tsididitsididi mo bogareng jwa Yuropa. Mo e ka nnang halofo ya ngwaga, dithaba tseno di apesiwa ke kapoko e e ka nnang boteng jwa dimetara di le tharo. Batho ba ba sa eleng tlhoko maemo a bosa a koo a a fetofetogang, ba ka iphitlhela ba le fa gare ga mouwane o o kitlaneng o o ka nnang wa apesa ditlhoa tsa dithaba ka bonako. Mo makgolong a dingwaga, thaba eno e ne ya nna molelwane magareng ga diporofense, dipuso le dinaga. Lefelo leno le ne le le kotsi mo e leng gore go ne go le thata go le disa, ka jalo, mo nakong e e fetileng batho ba ne ba le dirisa go tsamaisa dithoto ka bokhukhuntshwane. Ka bo1930, fa Dithaba Tse Dikgolo di ne 3 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba apere jaaka batho ba ba haekang, ba tshotse dikgatiso ba kgabaganya Dithaba Tse Dikgolo ba ya kwa Jeremane di kgaoganya Czechoslovakia le Jeremane, Basupi ba ba iketleeditseng ba ne ba simolola go dirisa ditselana tse di neng di dirisiwa ke batho ba ba tsamaisang dithoto ka bokhukhuntshwane. Ba ne ba di dirisetsa eng? Go tsamaisa dikgatiso tsa Baebele tse di botlhokwa. Young Richard e ne e le mongwe wa Basupi bao. MAETO A A KOTSI Richard a re: “Ka mafelobeke re ne re tsamaya mo dithabeng re le ditlhopha tsa batho ba ka nna supa, bakaulengwe ba basha ba apere e kete ke batho ba ba haekang. Fa re tswa kwa Jeremane, go ne go re tsaya diura di ka nna tharo go kgabaganya dithaba gore re fitlhe kwa Špindlerův Mlýn—lefelo la boikhutso le le leng bokgakala jwa dikilometara di le 16,5 kwa Czechoslovakia. Ka nako eo, Bajeremane ba le bantsi ba ne ba nna mo lefelong leo. Mongwe wa bone e ne e le molemirui yo o neng a dumela go dirisana le bakaulengwe ba rona. O ne a dirisa kolotsana e e gogiwang ke dipitse e gantsi a neng a tsamaisa bajanala ba ba neng ba tla mo lefelong leo ka yone, a ya go tsaya dibokose tsa dikgatiso tsa rona kwa toropong e e gaufi, kwa dibokose di neng di romelwa gone ka terena go tswa kwa Prague. O ne a tsaya dibokose tseo a di isa kwa polasing ya gagwe a bo a di fitlha mo ntlong e e bayang dijo tsa diphologolo, gore di letele batho ba ba neng ba tla di isa kwa Jeremane. 4 Richard a re: “Fa re goroga kwa polasing eo, re ne re tsenya dikgatiso mo dikgetsaneng tsa rona tse re neng re di belega, tse di neng di diretswe go rwala morwalo o o bokete. Mongwe le mongwe wa rona o ne a rwala dikgatiso tsa bokete jwa dikilogerama di ka nna 50.” Gore ope a se ka a ba lemoga, ba ne ba tsamaya mo lefifing, ba tsamaya fa letsatsi le dikela ba bo ba goroga koo pele fela ga letsatsi le tlhaba. Ernst Wiesner yo ka nako eo e neng e le molebedi wa potologo kwa Jeremane, o tlhalosa mekgwa mengwe e ba neng ba e dirisa gore ba nne ba babalesegile, a re: “Bakaulengwe ba le babedi ba ne ba tsamaela kwa pele mme fa ba kopana le mongwe, ka gangwe fela ba ne ba re tlhagisa ba dirisa ditotšhe tsa bone. Seno se ne se thusa bakaulengwe ba ba neng ba saletse kwa morago ka dimetara di ka nna 100, ba ba neng ba rwele morwalo o o bokete, gore ba iphitlhe mo ditlhatshaneng tse di gaufi le tsela, go fitlha bakaulengwe ba babedi ba ba kwa pele ba boela kwa go bone mme ba ba bolelela mafoko mangwe a a itseweng ke bone fela, a ba neng ba a fetola beke le beke.” Le fa go ntse jalo, mapodisi a Jeremane a a neng a apara diaparo tse di pududu, ga se one fela a neng a le kotsi. Richard a re: “Maitseboa mangwe ke ne ka tshwanelwa ke go bereka go fitlha go nna thari, ka jalo, ke ne ka tsamaya morago ga bakaulengwe ba me go ya kwa Czech. Go ne go le lefifi e bile go na le mouwane, e bile TORA YA TEBELO ke ne ke roroma fa ke ntse ke tsamaya mo puleng e e tsididi. Ke ne ka latlhega mo ditlhatshaneng tsa phaene mme ka palelwa ke go bona tsela ka diura di le mmalwa. Batho ba le bantsi ba ile ba swa ka ntlha ya seo. Mo mosong, ke gone ke neng ka kopana le bakaulengwe mo tseleng fa ba boa.” Mo e ka nnang dingwaga di le tharo, setlhotshwana sa bakaulengwe ba ba pelokgale se ne se ya kwa dithabeng beke le beke. Mariga ba ne ba tsamaisa morwalo ono wa bone o o botlhokwa ka selei. Mo makgetlhong mangwe, ditlhopha tsa bakaulengwe ba ka nna 20 ba ne ba kgabaganya molelwane motshegare ba tsamaya mo ditselaneng tsa batho ba ba haekang. Gore go bonale e kete ke setlhopha fela sa batho ba ba se nang molato ba ba haekang, ba ne ba tsamaya le bokgaitsadi bangwe. Bangwe ba bone ba ne ba tsamaya kwa pele mme fa ba belaela gore go na le sengwe se se kotsi, ba ne ba latlhela dihutshe tsa bone mo moyeng. Go ne go direga eng fa bakaulengwe bao ba boa mo loetong lwa bone lwa bosigo? Go ne go dirwa dithulaganyo tsa go tlhomamisa gore dikgatiso di phasaladiwa ka bonako. Jang? Dikgatiso di ne di phuthelwa jaaka e kete ke sesepa di bo di isiwa kwa seteisheneng sa diterena kwa Hirschberg. Diphuthelwana tseo di ne di romelwa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Jeremane, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba di isa ka botlhale kwa badumedingmmogo le bone, fela jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong. Mokgwa ono wa go anamisa dikgatiso o ne o tlhoka gore mongwe a ikaege ka yo mongwe, ka gonne fa ba ne ba ka tshwara mongwe wa bone, go ne go tla nna le ditlamorago tse di masisi. Eleruri, letsatsi lengwe ba ne ba diragalelwa ke sengwe se ba neng ba sa se lebelela. Ka 1936, go ne ga upololwa lefelo le dikgatiso di gorogelang kwa go lone gaufi le Berlin. Dingwe tsa dilo tse di neng tsa fitlhelwa e ne e le diphuthelwana tse tharo tse di rometsweng ke mongwe yo o sa itseweng go tswa kwa Hirschberg. Mapodisi a ne a dirisa mokgwa wa go sekaseka mokwalo gore ba lemoge motho yo o etelelang pele setlhopha se se tsamaisang dikgatiso ka bokhukhuntshwane ba bo ba mo tshwara. Nakwana morago ga foo, go ne ga tshwarwa batho ba bangwe ba babedi ba ba neng ba belaelwa, ba ba akaretsang Richard Rudolph. E re ka bakaulengwe bao ba ne ba amogela molato, ba bangwe ba ne ba tswelela ka nako e e rileng ba tsaya maeto ao a a kotsi. SE RE ITHUTANG SONE Go tsamaisa dikgatiso ka dikgetsana tse di belegiwang go kgabaganya Dithaba Tse Dikgolo e ne e le yone DECEMBER 15, 2013 tsela ya konokono ya go isetsa Basupi ba kwa Jeremane dikgatiso tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, tsela e e kgabaganyang Dithaba Tse Dikgolo e ne e se yone fela tsela e e neng e dirisiwa. Go fitlha ka 1939, fa masole a Jeremane a gapa Czechoslovakia, go ne go na le ditsela tse dingwe tse di ntseng jalo go ralala molelwane wa naga eo. Mo dinageng tse dingwe, tse di mo molelwaneng wa Jeremane tse di jaaka Fora, Netherlands le Switzerland, Basupi ba mo dinageng tseo ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing e kgolo gore ba isetse badumedimmogo le bone ba ba bogisiwang, dijo tsa semoya. Bontsi jwa rona gompieno re kgona go nna le dikgatiso tsa Baebele ka ditsela tse di farologaneng le ka palo e re e tlhokang. Go sa kgathalesege gore o bona kgatiso e ntšha kwa Holong ya Bogosi kgotsa o e tsaya mo Web site ya rona ya jw.org, ke eng fa o sa akanyetse matsapa a a tserweng gore o kgone go bona kgatiso eo? Gongwe e ne e se selo se segolo jaaka go kgabaganya thaba e e apesitsweng ke kapoko bosigogare, le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore badumedimmogo le rona ba le bantsi ba dirile ka natla gore ba dire tiro eno e e duleng diatla. Dithaba tse di apesitsweng ke kapoko di ne di dira gore go kgabaganya Dithaba Tse Dikgolo e nne loeto lo lo kotsi TILANG GO “TSHIKHINNGWA KA BOFEFO MO GO AKANYENG GA LONA”! “Bakaulengwe, . . . re a lo kopa gore lo se ka lwa tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga lona.” —2 BATHES. 2:1, 2. DINTLHA TSE RE KA AKANYANG KA TSONE ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Makwalo a Paulo a neng a a kwalela Bathesalonika a na le ditlhagiso dife tse di tshwanetseng? ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tsiediwa? MO TSAMAISONG eno ya dilo, go tletse mefuta e e farologaneng ya tsietso. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Baebele e bontsha ka tlhamalalo gore Satane Diabolo ke motsietsi yo o nang le maitemogelo e bile ke mmusi wa tsamaiso eno ya dilo. (1 Tim. 2:14; 1 Joh. 5:19) Fa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e ntse e ya bokhutlong, Satane o galefa le go feta ka gonne o na le “lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshen. 12:12) Ka jalo, re ka lebelela gore batho ba Diabolo a ba tlhotlheletsang ba tla nna ba sa ikanyege le go feta, mme ba tsietse segolobogolo batho ba ba mo kobamelong ya boammaaruri. 2 Ka dinako dingwe, metswedi ya dikgang e phasalatsa dikgang tse di tsietsang le tse di buang maaka a matala ka batlhanka ba ga Jehofa. Makwalodikgang, dithulaganyo tsa thelebishene le Internet di dirisiwa go anamisa maaka. Ka ntlha ya seno, batho bangwe ba ba dumelang maaka ano ba a galefa ka gonne ba sa sekaseka dintlha tsotlhe. 3 Re leboga go bo re na le Lefoko la Modimo le le ‘tswelang mosola mo go tlhamalatseng dilo,’ gore re kgone go emelana le leano leno le mmaba wa rona a le dirisang go leka go re kgoba marapo. (2 Tim. 3:16) Go botlhokwa gore re ithute mo go se moaposetoloi Paulo a neng a se kwalela Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Thesalonika, ba ba neng ba tsieditswe e bile ba dumela se se seng boammaaruri. O ne a ba rotloetsa gore ba ‘se ka ba tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga bone.’ (2 Bathes. 2:1, 2) Re ka ithuta eng mo kgakololong eno e e lorato ya ga Paulo, mme re ka dirisa seno jang mo matshelong a rona? DITLHAGISO TSE DI TSHWANETSENG ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Go rera ka tlhagafalo ka Bogosi e ka nna tshireletso jang mo go rona? 6 4 Mo lekwalong la ntlha le Paulo a neng a le kwalela phu- 1, 2. Ke ka ntlha yang fa go tletse tsietso jaana gompieno, mme e bo- nala ka ditsela dife? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) 3. Ke eng se se ka re thusang gore re emelane le tsietso? 4. Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba tlhagisiwa jang ka go tla ga “letsatsi la ga Jehofa,” mme rona re tlhagisiwa jang? TORA YA TEBELO Paulo o ne a kwalela Bakeresete ditlhagiso tse di tshwanetseng (Bona serapa 4 le 5) thego ya kwa Thesalonika, o ne a bua ka go tla ga “letsatsi la ga Jehofa.” O ne a sa batle gore bakaulengwe ba gagwe ba nne mo lefifing le gore ba nne ba sa ipaakanya. Go na le moo, o ne a ba kgothaletsa gore e re ka e le “bana ba lesedi,” ba nne ba ‘tsogile ba bo ba nne ba thantse mo ditlhaloganyong.’ (Bala 1 Bathesalonika 5:1-6.) Gone jaanong re letetse go senngwa ga Babelona yo Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Tshenyego eno e tla bo e le tshimologo ya letsatsi le legolo la ga Jehofa. Se se itumedisang ke gore, re tlhaloganya ka botlalo go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa. Gape, ka metlha mo phuthegong re amogela dikgakololo tse di tshwanetseng tse di re thusang gore re nne re thantse mo ditlhaloganyong. Go tsaya tsia ditlhagiso tseno tse di nnang di boaboelediwa, go ka nonotsha maikemisetso a rona a go direla Modimo ‘tirelo e e boitshepo ka maatla a rona a go akanya.’—Bar. 12:1. 5 Morago fela ga gore Paulo a kwalele Bakeresete ba kwa Thesalonika lekwalo la ntlha, o ne a ba kwalela la bobedi. Mo lekwalong leo, o ne a bua ka pitlagano e e tlang fa Morena Jesu a tla bo a tlisa katlholo mo go “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo.” (2 Bathes. 1:6-8) Kgaolo ya bo5, 6. (a) Paulo o ne a bua ka eng mo lekwalong la bo- bedi le a neng a le kwalela Bathesalonika? (b) Mo bogautshwaneng, Modimo o tla dirisa Jesu go dira eng, mme re tshwanetse go ipotsa dipotso dife? DECEMBER 15, 2013 bedi ya lekwalo leno e bontsha gore bangwe mo phuthegong eo ba ne ba ‘itumeletse’ letsatsi la ga Jehofa mo e leng gore ba ne ba dumela gore le gaufi thata le go tla. (Bala 2 Bathesalonika 2:1, 2.) Bakeresete bao ba bogologolo, ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa fela jaaka Paulo a ne a bua jaana malebana le boporofeti: “Gonne re na le bontlhanngwe jwa kitso e bile re porofeta ka bontlhanngwe; mme fa se se feletseng se goroga, se se bontlhanngwe se tla nyelediwa.” (1 Bakor. 13:9, 10) Mme gone, ditlhagiso tse di tlhotlheleditsweng tse di neng tsa kwalwa ke Paulo, moaposetoloi Petere le bakaulengwe ba bangwe ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba nako eo, di ne di ka kgona go ba thusa gore ba se ka ba felelwa ke tumelo. 6E le gore Paulo a baakanye dilo, o ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa gore go ne go tla nna le botlhanogi jo bogolo le “monna yo o se nang molao” pele ga letsatsi la ga Jehofa le tla. Morago ga moo, ka nako e Modimo a e tlhomileng, Morena Jesu o tla “senya” botlhe ba Mo go Ditiro 20:29, 30, Paulo o ne a tlhalosa gore mo diphuthegong tsa Bokeresete, ‘go tla tsoga banna mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.’ Hisitori e bontsha gore fa nako e ntse e ya, batho ba ne ba tlhaolwa go ya ka gore bangwe ke baruti mme bangwe ke batho fela ba ba tsenang kereke. Mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., go ne ga bonala sentle gore “monna yo o se nang molao” ke setlhopha sa baruti ba ba mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete.—Bona Tora ya Tebelo ya February 1, 1990, tsebe 10-14. 7 ba ileng ba tsiediwa. Moaposetoloi yono o ne a tlhalosa lebaka la go bo ba atlholwa ka tsela eno; ke ka gonne “ba ne ba se ka ba amogela lorato lwa boammaaruri.” (2 Bathes. 2:3, 8-10) Go molemo gore re ipotse jaana: ‘Ke rata boammaaruri go le kana kang? A ke tsamaisana le tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone jaaka e tlhalosiwa mo makasineng ono le mo dikgatisong tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng, tse di diretsweng phuthego ya batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe?’ TLHOPHA DITSALA TSA GAGO KA BOTLHALE 7 Boammaaruri ke gore Bakeresete ba ne ba tla lebana le dikotsi tse dingwe kwantle ga tsa batlhanogi le dithuto tsa bone. Paulo o ne a bolelela Timotheo gore “lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” Moaposetoloi yono o ne a bontsha gore “ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Tim. 6:10) Gape kotsi e nngwe e ne e le gore “ditiro tsa nama” di ne di tla nna di ntse di bonala.—Bagal. 5:19-21. 8 Mme gone, re tlhaloganya lebaka la go bo Paulo a ne a tlhagisa Bathesalonika kafa banna bangwe ba a neng a ba bitsa “baaposetoloi ba maaka,” ba neng ba le kotsi thata ka gone. Mo gare ga bone go ne go na le banna ba ba neng ba bua “dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (2 Bakor. 11:4, 13; Dit. 20:30) Moragonyana Jesu o ne a akgola phuthego ya kwa Efeso ka gonne e ile ya se ka ya “itshokela batho ba ba bosula.” Phuthego eo ya kwa Efeso e ne ya “leka” batho ba e neng e le baaposetoloi ba maaka ba tota e leng baaki. (Tshen. 2:2) Se se itumedisang ke gore mo lekwalong la bobedi le Paulo a neng a le kwalela Bathesalonika, o ne a ba gakolola jaana: “Jaanong re lo naya ditaelo, bakaulengwe, ka leina la Morena Jesu Keresete, gore lo tswe mo mokaulengweng mongwe le mongwe yo o tsamayang ka go sa dire dilo ka thulaganyo.” Go tswa foo o ne a umaka ka tlhamalalo Bake- 7, 8. (a) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba lebana le dikotsi dife? (b) Gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba lebana le kotsi efe? 8 resete ba ba neng ba “sa batle go dira.” (2 Bathes. 3:6, 10) Mme fa e le gore go ne go tsewa gore batho bao ga ba dire dilo ka thulaganyo, ruri go ne go ntse jalo ka ba e neng e nna batlhanogi! Eleruri, go itlwaelanya le batho ba ba ntseng jalo go ne go le kotsi thata ka nako eo e bile motho o ne a tlhoka go tila go itsalanya le bone—mme go sa ntse go le jalo le gompieno.—Dia. 13:20. 9 Re gaufi le gore pitlagano e kgolo e simolole le gore tsamaiso eno e e boikepo e ye bokhutlong, ka jalo, ditlhagiso tseo tse di tlhotlheleditsweng tsa mo lekgolong la ntlha la dingwaga di botlhokwa fela thata gompieno. Ruri ga re batle go “fosa boikaelelo” jwa bopelonomi jwa lorato lwa ga Jehofa le go latlhegelwa ke tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. (2 Bakor. 6:1) Re tshwanetse go nna kelotlhoko fa mongwe mo dipokanong a leka go re raela gore re tlotle ka dilo tse e leng magatwe, kgotsa a leka go tshwaya diphoso dithulaganyo dingwe mo phuthegong.—2 Bathes. 3:13-15. “LO NNE LO TSHWARELETSE MO DINGWAONG” 10 Paulo o ne a rotloetsa bakaulengwe ba gagwe ba kwa Thesalonika gore ba ‘eme ba nitame’ le gore ba ngaparele se ba ithutileng sone. (Bala 2 Bathesalonika 2:15.) ‘Dingwao’ tse ba neng ba di rutilwe e ne e le eng? Ga go pelaelo e ne e se dingwao tsa bodumedi jwa maaka tse di neng di rotloediwa, tse e neng e kete di tswa mo Dikwalong. Go na le moo, Paulo o ne a bua ka dithuto tse ene le ba bangwe ba neng ba di amogela mo go Jesu le mo Modimong, tse a neng a tlhotlhelediwa gore a di rute ba bangwe, tse bontsi jwa tsone e neng ya nna karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Paulo o ne a akgola bakaulengwe ba gagwe ba kwa Korintha fa a ne a re: “Mo dilong tsotlhe lo a nkgopola e bile lo ngangatletse dingwao fela 9. Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko fa mo- ngwe a bua magatwe kgotsa a tshwayatshwaya diphoso? 10. Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba kgothalediwa gore ba ikobele dingwao dife? TORA YA TEBELO jaaka ke ne ka di fetisetsa mo go lona.” (1 Bakor. 11:2) Dithuto tseno di ne di tswa mo metsweding e e ikanyegang e bile ruri di ne di ka ikanngwa. 11 Fa Paulo a kwalela Bahebera, o ne a umaka ditsela tse pedi tse ka tsone Mokeresete a ka latlhegelwang ke tumelo a bo a palelwa ke go ema a nitame. (Bala Bahebera 2:1; 3:12.) O ne a bua ka go “katogela go sele ka bonya” le go “katogela kgakala.” Kwa tshimologong mokoro o o katogelang go sele ka bonya ka bonya mo nokeng, o ka dira jalo ka tsela e e sa lemotshegeng. O nna o ya kgakala ka iketlo ka iketlo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, motho ke ene a ka nnang a kgoromeletsa mokoro wa gagwe kgakala le lotshitshi lwa lewatle. Ditsela tseno ka bobedi di bontsha sentle tsela nngwe e bangwe ba tsiediwang ka yone, ba itetla gore tumelo ya bone e koafale. 12Go ka tswa go ne go ntse jalo le ka bangwe kwa Thesalonika. A mme go ntse jalo le gompieno? Go na le dilo di le dintsi tse di senyang nako. Akanya ka diura di le dintsi tse batho ba di dirisang ba ikgolaganya le ba bangwe mo Internet, ba bala le go araba melaetsa ya eleketeroniki le go nna ba tlhagafaletse boitlosobodutu thata e bile ba nna ba itse ditiragalo tsa bosheng tsa metshameko. Dilo tseno tsotlhe di ka itaya Mokeresete tsebe tsa bo ba tsa dira gore a se ka a tlhola a tlhagafala. Seno se ka felela ka eng? A ka nna a se tlhole a rapela go tswa pelong, a ithuta Lefoko la Modimo, a nna gone kwa dipokanong e bile a ka nna a se tlhole a rera dikgang tse di molemo. Re ka dira eng gore re se ka ra tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga rona? GO ITSHIRELETSA GORE RE SE KA RA TSHIKHINNGWA 13 Sengwe se tota re tlhokang go se dira ke gore re nne re thantse malebana nako e re 11. Batho bangwe ba ka nna ba tsiediwa ka ditsela dife? 12. Ke dilo dife tsa motlha wa gompieno tse fa re di latelela di ka senyang bomoya jwa rona? 13. Jaaka go boleletswe pele, batho ba le bantsi ba itshwara jang, mme ke eng se se ka re thusang gore tumelo ya rona e se ka ya koafala? DECEMBER 15, 2013 tshelang mo go yone, le go lemoga gore go itsalanya le ba ba ganang go dumela gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” go ka re ama jang. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana malebana le motlha wa rona: “Go tla tla basotli ka go sotla ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone mme ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.’” (2 Pet. 3:3, 4) Go bala le go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha go tla re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo gore re tshela mo nakong efe—re lemoge gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” Botlhanogi jo bo neng jwa bolelelwa pele ga bo bolo go nna teng e bile bo sa ntse bo le gone mo motlheng wa rona. “Monna yo o se nang molao” o sa ntse a le teng e bile o sa ntse a ganetsa batlhanka ba Modimo. Ka jalo, re tlhoka go nna re thantse re gopola gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi.—Sefa. 1:7. 14Sengwe gape sa konokono se se ka re thusang gore re nne re thantse le go tila gore re se ka ra tshikhinngwa mo go akanyeng ga rona, ke go nna le seabe ka metlha mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka jalo, fa Keresete Jesu yo e leng Tlhogo ya phuthego a ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, ba ba rute go boloka dilo tse a ba rutileng tsone, o ne a naya kgakololo e e neng e tla sireletsa balatedi ba gagwe. (Math. 28:19, 20) Gore re ikobele taelo eno, re tlhoka go nna re tlhagafetse mo tirong ya go rera. A o akanya gore bakaulengwe ba kwa Thesalonika ba ne ba dira tiro ya go rera ka go ikgolola fela, jaaka e kete tiro eo e ne e se botlhokwa? Akanya ka mafoko ano a Paulo a neng a ba bolelela one: “Lo se ka lwa tima molelo wa moya. Lo se ka lwa nyatsa boporofeti.” (1 Bathes. 5:19, 20) Ruri re ithuta boporofeti jo bo itumedisang e bile re bo bolelela batho ba bangwe! 14. Go nna re tshwaregile mo tirong ya Modimo go re sireletsa jang? 9 Go baakanyetsa sentle le go nna le seabe mo bodireding go ka re thusa gore re se ka ra tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga rona (Bona serapa 14 le 15) 15Boammaaruri ke gore re batla go thusa ba malapa a rona gore ba nne le bokgoni mo tirelong ya tshimo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba lemogile gore tsela nngwe ya go dira seo ke ka go dira gore mo karolong nngwe ya kobamelo ya bone ya lelapa, ba tlotle ka ntlha e e amanang le bodiredi. O ka nna wa fitlhela go thusa go tlotla le ba lelapa kafa ba ka boelang ka gone kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego. Ba tla tlotla ka eng fa ba boela kwa bathong bao? Ke ditlhogo dife tse gantsi di tla dirang gore batho bao ba tswelele ba bontsha kgatlhego? Ke nako efe e e siametseng gore ba ka boela kwa bathong? Gape batho ba le bantsi ba dirisa nako nngwe ya kobamelo ya lelapa go tlotla ka dipokano tsa phuthego e le gore ba sekaseke se se tla tlotliwang kwa dipokanong tseo. A o ka dira mo go oketsegileng go baakanyetsa gore o nne le seabe mo dipokanong? Fa o nna le seabe, seno se 15. Ke dilo dife tse re ka di sekasekang ka nako ya ko- bamelo ya lelapa tse di ka re thusang? 10 tla nonotsha tumelo ya gago e bile se tla go thusa gore o se ka wa tshikhinngwa mo go akanyeng ga gago. (Pes. 35:18) Ruri go nna le seabe mo kobamelong ya lelapa go tla re sireletsa gore re se ka ra fopholetsa dilo le gore re se ka ra nna le dipelaelo. 16 Fa re akanya ka tsela e Jehofa a ntseng a segofatsa batho ba gagwe ka yone ka go dira gore ba tlhaloganye ka botlalo boporofeti jwa Baebele, re ka tlhatswega pelo gore re tla bona masego a a itumedisang a a larileng kwa pele. Batlodiwa ba na le tsholofelo ya go ya go nna le Keresete kwa legodimong. Ruri seno se ba tlhotlheletsa gore ba nne ba na le maatla a go akanya! Ga go pelaelo gore re ka re mafoko a Paulo a neng a a kwalela Bathesalonika a a ba tshwanela, o ne a re: “Re patelesega go leboga Modimo ka metlha ka lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Jehofa, ka gonne Modimo o ne a lo [tlhopha] . . . ka go lo itshepisa ka moya le ka tumelo ya lona mo boammaaruring.” —2 Bathes. 2:13. 17 Ba ba lebeletseng pele go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le bone ba tshwanetse go lwela gore ba se ka ba tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng ga bone. Fa e le gore o na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, tsaya tsia kgakololo eno e e lorato e Paulo a neng a e kwalela batlodiwa mmogo le ene ba kwa Thesalonika. (Bala 2 Bathesalonika 3:1-5.) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go anaanela thata mafoko ao a a lorato. Eleruri, makwalo a a kwaletsweng Bathesalonika a re naya ditlhagiso tse di botlhokwa thata malebana le gore re se ka ra dumela magatwe kgotsa dikakanyo tse di belaetsang. E re ka re le gaufi thata le bokhutlo, tseno ke ditlhagiso tse rona Bakeresete re di anaanelang thata gompieno. 16. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlhotlhelediwa ke eng gore ba nne ba na le maatla a go akanya? 17. Ke kgothatso efe e o e fitlhelang mo mafokong a a mo go 2 Bathesalonika 3:1-5? TORA YA TEBELO A O TLA INTSHA SETLHABELO KA NTLHA YA BOGOSI? “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” —2 BAKOR. 9:7. DITEMANA TSE O KA TLHATLHANYANG KA TSONE ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Ditemana tseno di go thusa jang gore o sekaseke ditlhabelo tse o di ntshang ka ntlha ya Bogosi? ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ 1 Ditiragalo 29:9 ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ 1 Bakorintha 16:1, 2 ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ 2 Bakorintha 8:12 GANTSI batho ba rata go intsha setlhabelo gore ba dire dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa. Batsadi ba dirisa nako, madi le maatla a bone gore bana ba bone ba solegelwe molemo. Baatlelete ba basha ba ba eletsang thata go emela naga ya bone kwa Diolimpiking, ba fetsa diura di le mmalwa letsatsi le letsatsi ba ikatisa ka natla, fa dithaka tsa bone tsone di tshameka e bile di ijesa monate. Jesu le ene o ne a intsha setlhabelo gore a dire dilo tse a di tsayang di le botlhokwa. Ga a ka a batla go tshela botshelo jwa manobonobo e bile o ne a se na bana. Go na le moo, o ne a tlhopha go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. (Math. 4:17; Luke 9:58) Balatedi ba gagwe le bone ba ne ba ithontsha dilo di le dintsi gore ba eme nokeng Bogosi jwa Modimo. Go tsweletsa pele Bogosi e ne e le selo sa botlhokwa thata mo go bone, mo e leng gore ba ne ba intsha setlhabelo gore ba nne le seabe ka botlalo ka mo ba ka kgonang ka teng gore ba eme Bogosi nokeng. (Math. 4:18-22; 19:27) Ka jalo re ka ipotsa jaana, ‘Ke eng se se botlhokwa mo botshelong jwa me?’ 2Go intsha setlhabelo ka ditsela dingwe go botlhokwa thata mo Bakereseteng botlhe ba boammaaruri e bile go mosola thata gore re lwele go nna le kamano e e molemo le Jehofa le go tswelela re na le yone. Go intsha setlhabelo jalo go akaretsa go dirisa nako le maatla a rona re rapela, go bala Baebele, kobamelo ya lelapa, go nna gone mo dipokanong le go ya bodireding jwa tshimo. (Josh. 1:8; Math. 28:19, 20; Baheb. 10:24, 25) Ka ntlha ya maiteko ao a rona le tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa, tiro ya go rera e Bona setlhogo se se reng, “Go Direla Jehofa Ditlhabelo Ka Moya Otlhe” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 15, 2012, tsebe 21-25. 1. Batho ba le bantsi ba intsha setlhabelo ka ditsela dife, mme ka ntlha yang? 2. (a) Bakeresete ba boammaaruri ba intsha setlhabelo ka ditsela dife tse di botlhokwa? (b) Batho bangwe ba kgona go intsha setlhabelo ka ditsela dife tse di oketsegileng? 11 Ditshupelo di le dintsi di ne di ntshiwa ka go ithaopa fela jaaka go ntse ka ditlhabelo tse di ntshiwang gompieno Baboledi ba Bogosi kwa Holong ya Bogosi kwa Kenya, mo Afrika (Bona serapa 7-13) gatela pele ka bonako e bile batho ba le bantsi ba ologela kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa.’ (Isa. 2:2) Batho ba le bantsi ba ema nokeng ditiro tsa Bogosi ka go direla kwa Bethele, ka go thusa fa go agiwa Diholo tsa Bogosi, Diholo tsa Dikopano, go rulaganya dikopano tse dikgolo kgotsa go thusa ka tiro ya go namola ka nako ya masetlapelo a tlholego. Tiro eno e e oketsegileng ga se yone e ka dirang gore motho a bone botshelo, mme gone e botlhokwa thata mo go emeng nokeng dilo tse di direlwang Bogosi. 3 Gompieno go tlhokega thata batho ba ba ka emang nokeng tiro ya Bogosi ka matlhagatlhaga. Go a itumedisa go bona batho ba le bantsi ba intsha setlhabelo gore ba dire tiro ya ga Jehofa ka go rata! (Bala Pesalema 54:6.) Moya oo wa bopelotshweu o re itumedisa tota fa re ntse re letetse gore Bogosi jwa Modimo bo tle. (Dute. 16:15; Dit. 20:35) Le fa go ntse jalo, rotlhe re tshwanetse go itlhatlhoba ka tlhoafalo. A go na le ditsela tse di oketsegileng tse ka tsone re ka intshang setlhabelo gore re eme nokeng Bogosi? Re dirisa jang nako, madi, maatla le bokgoni jwa rona? Re tshwanetse go nna kelotlhoko ka ditsela dife? Mma re boneng gore re ka etsa sekao sefe fa re dira ditlhabelo tse di ntseng jalo tsa go ithaopa, gore seno se re itumedise. DITLHABELO KWA ISERAELENG WA BOGOLOGOLO 4Go ntsha ditlhabelo kwa Iseraeleng wa bogologolo go ne go le botlhokwa gore batho itshwarelwe maleo. Ditlhabelo di ne di le botlhokwa gore batho ba amogelwe ke Jehofa. Dingwe tsa tsone e ne e le molao gore ba di ntshe; tse dingwe tsone motho o ne a di ntsha ka go ithaopa. (Lefi. 23:37, 38) Ditshupelo tse di fisiwang di ne di ka ntshiwa ka go ithaopa, kgotsa e le dimpho tse di yang kwa go Jehofa. Sekao se se tlhomologileng sa ditshupelo ke fa tempele e ne e neelwa mo motlheng wa ga Solomone.—2 Ditir. 7:4-6. 5Ka gonne Jehofa a le lorato, o ne a tlhaloganya gore ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go ntsha setlhabelo ka tsela e e tshwanang, ka jalo, o ne a batla gore mongwe le mongwe a ntshe go ya kafa a kgonang ka teng. Molao wa ga Jehofa o ne o bontsha gore madi a phologolo a tshwanetse go tshololwa, e leng se e neng e tla nna “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang” ka Morwawe e bong Jesu. (Baheb. 10:1-4) Le fa go ntse jalo, Jehofa 4. Baiseraele ba ne ba solegelwa molemo jang ke go 3. (a) Re solegelwa molemo jang fa re intsha setlha- belo ka ntlha ya Bogosi? (b) Re tshwanetse go sekaseka dipotso dife? 12 dira ditlhabelo? 5. Ke thulaganyo efe e Jehofa a neng a e direla ba ba neng ba humanegile? TORA YA TEBELO Moithaopi wa Komiti ya Kago ya Kgaolo kwa Tuxedo, kwa New York, U.S.A. Maloko a lelapa la Bethele kwa Australia o ne a fetofetoga le maemo mo kgannyeng ya go diragatsa molao ono. Ka sekai, Modimo o ne a amogela tshupelo ya maeba fa motho a ne a sa kgone go ntsha setlhabelo sa leruo. Ka jalo, tota le batho ba ba humanegileng ba ne ba ka kgona go ntshetsa Jehofa setlhabelo ba itumetse. (Lefi. 1:3, 10, 14; 5:7) Le fa gone diphologolo tse di neng di ntshiwa setlhabelo di ne di farologane, go ne go na le dilo tse pedi tse motho yo o neng a ntsha setlhabelo sa go ithaopa a neng a tshwanetse go di dira. 6Sa ntlha, motho o ne a tshwanetse go ntsha setlhabelo se se molemolemo. Jehofa o ne a bolelela Baiseraele gore tshupelo epe fela e ba neng ba e ntsha e ne e tshwanetse go nna e e itekanetseng gore e ba ‘bonele kamogelo.’ (Lefi. 22:18-20) Fa phologolo e ne e na le bogole bongwe, e ne e se kitla e nna setlhabelo se se amogelesegang mo go Jehofa. Sa bobedi, motho yo o neng a ntsha setlhabelo o ne a tshwanetse go nna phepa e bile a sa leswafala. Fa motho a ne a itshekologile, o ne a tshwanetse gore a dire tshupelo ya boleo kgotsa ya molato gore a baakanye kamano ya gagwe le Jehofa pele ga a ka ntsha tshupelo ya boithaopo. (Lefi. 5:5, 6, 15) Eo e ne e le kgang e e masisi. Jehofa o ne a tlhalosa gore motho yo o itsheko- logileng yo o neng a ja setlhabelo sa kabalano se se neng se akaretsa tshupelo ya boithaopo, o ne a tla kgaolwa mo bathong ba Modimo. (Lefi. 7:20, 21) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa motho yo o ntshang setlhabelo a ne a na le kamano e e molemo le Jehofa e bile a ntsha setlhabelo se se se nang bogole, o ne a tla itumela a bo a kgotsofale.—Bala 1 Ditiragalo 29:9. 6. Go ne go lebeletswe eng mo bathong ba ba ntshang 7, 8. (a) Batho ba le bantsi ba itumela jang fa ba ditlhabelo, mme go ne go le botlhokwa go le kana kang go boloka melao eo? intsha setlhabelo ka ntlha ya Bogosi? (b) Ke dilo dife tse re ka di ntshetsang Jehofa setlhabelo? DECEMBER 15, 2013 GO NTSHA DITLHABELO GOMPIENO 7Gompieno le gone batho ba le bantsi ba iketleeditse go dirisa maatla a bone mo tirelong ya ga Jehofa, mme Jehofa o itumedisiwa ke seo. Go direla bakaulengwe ba rona go solegela molemo. Mokaulengwe mongwe yo o agang Diholo tsa Bogosi e bile a thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego o bontsha gore, ga a kgone go tlhalosa kafa a kgotsofalang ka gone fa a direla ka ditsela tseno. A re: “Fa ke bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba re ba agetseng Holo ya Bogosi ba le mo go yone ba itumetse e bile ba e anaanela, kgotsa fa ke bona bakaulengwe ba itumetse fa ba sena go thusiwa morago ga masetlapelo a tlholego, seno se dira gore ke lemoge gore matsapa a me ga se a lefela.” 8Phuthego ya ga Jehofa ya gompieno ga e bolo go nna e ikemiseditse go ema nokeng tiro 13 ya ga Jehofa. Ka 1904, Mokaulengwe C. T. Russell o ne a kwala jaana: “Mongwe le mongwe o tshwanetse go itsaya a tlhomilwe ke Morena gore e nne molebedi wa nako ya gagwe, wa kafa a ka kgonang go tlhotlheletsa batho ka teng, le wa madi a gagwe, jalo le jalo, mme mongwe le mongwe o tshwanetse a batla go dirisa ditalenta tseno kafa a kgonang ka teng, gore a galaletse Mong wa gagwe.” Le fa gone re nna le masego a mantsi, re tlhoka go itima dilo dingwe gore re ntshetse Jehofa setlhabelo. (2 Sam. 24:21-24) A re ka dirisa dilo tse re nang le tsone ka tsela e e molemo? 9 Nako ya rona. Go tlhokega nako e ntsi le maiteko go ranola le go gatisa dikgatiso tsa rona, go aga mafelo a kobamelo, go rulaganya dikopano, go thusa mo tirong ya namolo le go nna le seabe mo ditirong tse dingwe tse dintsi. Re na le diura di se kae fela mo letsatsing. Jesu o ne a re naya molaomotheo o o ka re thusang. Fa a ne a romela barutwa ba gagwe go ya bodireding, o ne a ba bolelela gore ba se ka ba ‘tlamparela ope fa ba dumedisa mo tseleng.’ (Luke 10:2-4) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ba naya ditaelo tseo? Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a re: “Fa batho ba kwa Botlhabatsatsi ba dumedisa ba ne ba sa obe tlhogo go sekae fela kgotsa ba tshwarana ka matsogo jaaka rona re tlwaetse, go na le moo, ba ne ba tlamparelana gantsi, le go oba tlhogo gantsi, tota le go khubama fa fatshe. Dilo tseno tsotlhe di ne di tlhoka nako e ntsi.” Jesu o ne a sa reye gore barutwa ba gagwe ba se ka ba nna botsalano. Go na le moo, o ne a ba thusa go lemoga gore ba na le nako e nnye fela, mme ba ne ba tlhoka go e dirisa ka tsela e e molemo gore ba dire dilo tse di botlhokwa thata. (Baef. 5:16) A le rona re ka dirisa molaomotheo ono gore re nne le nako e ntsi e re ka e dirisetsang tiro ya Bogosi? 10 Madi a rona. Go tlhokega madi a mantsi go ema nokeng ditiro tsa Bogosi. Ngwaga le 9. Re ka dirisa molaomotheo ofe wa ga Jesu o o mo go Luke 10:2-4 fa re dirisa nako ya rona? 10, 11. (a) Moneelo wa rona wa tiro ya lefatshe lotlhe o dirisiwa gape ka ditsela dife? (b) Ke taelo efe e e mo go 1 Bakorintha 16:1, 2, e e ka re thusang? 14 ngwaga go dirisiwa didolara di le dimilione go tlhokomela balebedi ba ba etang, babulatsela ba ba kgethegileng le barongwa. Fa e sa le ka 1999, go setse go agilwe Diholo tsa Bogosi di feta 24 500 kwa dinageng tse di humanegileng. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go tlhokega Diholo tsa Bogosi di ka nna 6 400. Kgwedi le kgwedi go gatisiwa dikhopi di le dimilione di le 100 tsa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Tiro eno yotlhe e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. 11 Moaposetoloi Paulo o ne a re naya molaomotheo o re ka o dirisang malebana le moneelo. (Bala 1 Bakorintha 16:1, 2.) O ne a tlhotlhelediwa go kgothaletsa bakaulengwe ba kwa Korintha gore ba se ka ba leta go fitlha beke e fela, go bona gore a go na le madi a a setseng, go na le moo, fa beke e simologa ba ne ba tshwanetse go beela madi mangwe kwa thoko go ya ka se ba neng ba se kgona. Fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi ba rulaganya go sa le gale gore ba ntshe moneelo ka bopelotshweu go ya ka maemo a bone. (Luke 21:1-4; Dit. 4:32-35) Jehofa o anaanela moya oo wa go aba. 12 Maatla le bokgoni jwa rona. Jehofa o re ema nokeng fa re dira maiteko go dirisa maatla a rona le bokgoni jwa rona go ema nokeng tiro ya Bogosi. O re solofetsa gore o tla re ema nokeng fa re lapa. (Isa. 40:29-31) A re ikutlwa e kete ga re na bokgoni jo bo lekaneng go thusa mo tirong eno? A gongwe re akanya gore go na le bangwe ba ba nang le bokgoni jo bo botoka? Se lebale gore Jehofa a ka naya mongwe le mongwe bokgoni jo bo oketsegileng, fela jaaka a ne a dira ka Besalele le Oholiabe.—Ekes. 31:1-6; bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno. 13 Jehofa o re kgothaletsa gore re dire sotlhe se re ka se kgonang mme re se ka ra ikgogona. (Dia. 3:27) Ka nako ya fa go ne go tsosolosiwa tempele, Jehofa o ne a bolelela Bajuda ba kwa 12, 13. Ke dilo dife tse di ka dirang gore bangwe ba ikgogone go dirisa maatla le bokgoni jwa bone, mme gone Jehofa o tla ba thusa jang? TORA YA TEBELO Jerusalema gore ba tlhatlhanye ka gore ke eng se ba se dirang go ema nokeng tiro ya go aga. (Hag. 1:2-5) Ba ne ba iteegile tsebe e bile ba sa tlhoma mogopolo. Go molemo gore re itshekatsheke go bona gore a dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa rona di dumalana le tse Jehofa a di tsayang di tla pele. A re ka ‘tlhoma pelo ya rona mo ditseleng tsa rona,’ gore re nne le seabe se segolwane mo tirong ya Bogosi mo malatsing ano a bofelo? GO NTSHA DITLHABELO GO YA KA SE RE NANG LE SONE 14 Batho ba le bantsi ba nna mo mafelong a gantsi a nang le mathata le khumanego. Phuthego ya Modimo e dira bojotlhe ‘go tlosa’ go tlhaelelwa ga bakaulengwe ba rona ba ba nnang mo dinageng tse di ntseng jalo. (2 Bakor. 8:14) Le fa go ntse jalo, tota le bakaulengwe ba ba humanegileng ba itumelela tshiamelo ya go aba. Jehofa o a itumela fa batho ba ba humanegileng ba tlhotlheletsega go aba ka boitumelo.—2 Bakor. 9:7. 15 Mo nageng nngwe e e humanegileng thata mo Afrika, bakaulengwe bangwe ba tlhopha karolo e nnye mo tshingwaneng ya bone e ba tla rekisang dijalo tsa yone, ba bo ba dirisa madi ao go ema nokeng tiro ya Bogosi. Mo go yone naga eo, go ne ga simololwa porojeke ya go aga Holo ya Bogosi e e neng e tlhokega thata. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo lefelong leo ba ne ba batla go thusa. Le fa go ntse jalo, porojeke eo e ne e tlile go simolola ka nako e ba neng ba tshwanetse go jala. E re ka ba ne ba iketleeleditse go nna le seabe mo tirong eo, motshegare ba ne ba bereka mo porojekeng eo ya go aga Holo ya Bogosi, mme maitseboa ba ne ba ya kwa masimong go ya go jala. Ruri oo e ne e le moya wa go intsha setlhabelo! Seno se re gopotsa bakaulengwe ba kwa Makedonia ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ba ne ba le mo ‘lehumeng le legolo,’ le fa go ntse jalo ba ne ba kopa thata gore ba nne le tshiamelo ya go thusa mo go se se neng se dirwa ka nako eo. (2 Bakor. 8:1-4) E kete mongwe le mongwe wa rona 14, 15. (a) Re kgothadiwa jang ke sekao sa bakaule- ngwe ba rona ba ba humanegileng? (b) Re tshwanetse go eletsa go dira eng? DECEMBER 15, 2013 ‘a ka ntsha go lekana le tshegofatso e Jehofa a re neileng yone.’—Bala Duteronome 16:17. 16 Mme gone, re tlhoka go nna kelotlhoko. Fela jaaka go ne go ntse ka Baiseraele ba bogologolo, re tshwanetse go tlhomamisa gore ditlhabelo tsa rona tsa go ithaopa di a amogelesega mo Modimong. Re tshwanetse go nna tekatekano gore re kgone go diragatsa maikarabelo a rona a lelapa le a re nang le one mo kobamelong ya ga Jehofa. Go dirisa nako ya rona le dithoto tsa rona go thusa ba bangwe ga go a tshwanela ga dira gore re itlhokomolose bomoya jwa ba malapa a rona le dilo tse ba di tlhokang. Fa re dira jalo, tota re tla bo re ntsha setlhabelo se re se nang sone. (Bala 2 Bakorintha 8:12.) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tlhokomela bomoya jwa rona. (1 Bakor. 9: 26, 27) Le fa go ntse jalo, tlhomamisega gore fa re tshela go ya ka melao ya Baebele, ditlhabelo tsa rona e tla nna tse di ‘amogelesegang segolobogolo’ mo go Jehofa mme di tla re itumedisa le go re kgotsofatsa fela thata. DITLHABELO TSA RONA KE TSA BOLENG JO BOGOLO 17 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le bantsi ba ‘itsholola jaaka tshupelo ya senō’ ka go ema nokeng ditiro tse di botlhokwa tsa Bogosi. (Bafil. 2:17) Re anaanela thata batho ba ba bontshang moya o o ntseng jalo wa go aba. Basadi le bana ba bakaulengwe ba ba etelelang pele mo tirong ya Bogosi le bone ba akgolelwa moya o ba o bontshang wa bopelotshweu le wa go intsha setlhabelo. 18Go tlhokega maiteko a magolo go ema nokeng dilo tse di direlwang Bogosi. A mongwe le mongwe wa rona a akanyetse ka thapelo kafa a ka nnang le seabe ka gone ka tsela e kgolwane mo tirong eno. Tlhomamisega gore o tla nna le masego a magolo gone jaanong mme a tla nna mantsi le go feta “mo tsamaisong e e tlang ya dilo.”—Mar. 10:28-30. 16. Re ka tlhomamisa jang gore ditlhabelo tsa rona di a amogelesega mo go Jehofa? 17, 18. Re ikutlwa jang ka batho ba ba intshang setlhabelo ka ntlha ya Bogosi, mme ke eng se rotlhe re tshwanetseng go se akanyetsa? 15 A O A GAKOLOGELWA? A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang: Jesu o ne a ‘rerela meya e e mo kgolegelong’ leng? (1 Pet. 3:19) Go bonala gore nako nngwe morago ga gore Jesu a tsosiwe, o ne a bolelela meya e e boikepo ka kotlhao e e tshwanetseng e e tlileng go e newa.—6/15, tsebe 23. Ke dilo dife tse tharo tse e ka nnang dikgwetlho fa o leka go dira gore lenyalo la bobedi le atlege? Ke tseno: go leka go dira gore lenyalo la gago la ntlha le se ka la hupetsa lenyalo la gago la gone jaanong; go nna le ditsala tsa bogologolo tse di sa tlwaelang molekane wa gago yo mosha; go ikanya molekane wa gago yo mosha le fa gone molekane wa gago wa pele a ka tswa a ne a sa ikanyege.—7/1, tsebe 9-10. Jesu o atlhola leng batho go nna dinku kgotsa dipodi? (Math. 25:32) Fa a tla go atlhola batho ka nako ya pitlagano e kgolo, morago ga go senngwa ga bodumedi jwa maaka.—7/15, tsebe 6. Batho ba ba se nang molao ba go buiwang ka bone mo setshwantshong sa korong le mefero ba tla lela leng le go phuranya meno? (Math. 13:36, 41, 42) Ba tla dira jalo ka nako ya pitlagano e kgolo fa ba lemoga gore ba ka se kgone go falola tshenyego. —7/15, tsebe 13. Mafoko a ga Jesu a a malebana le motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a diragadiwa leng? (Math. 24:45-47) A ne a simolola go diragadiwa morago ga 1914, e seng ka Pentekosete ya 33 C.E. Ka 1919, go ne ga 16 tlhomiwa motlhanka gore a okamele ba ntlo, ba ba akaretsang Bakeresete botlhe ba ba fepiwang semoyeng.—7/15, tsebe 21-23. Jesu o tlhoma leng motlhanka yo o boikanyego gore a tlhokomele dilo tsotlhe tsa Gagwe? Seo se tla direga mo nakong e e tlang, ka nako ya pitlagano e kgolo fa motlhanka yo o boikanyego a amogela tuelo kwa legodimong. —7/15, tsebe 25. A Baebele ga e umake batho bangwe ka maina ka gonne ba ne ba le bosula kgotsa ba se botlhokwa? Ga re a tshwanela go dira tshwetso eo. Bangwe ba batho ba Baebele e sa ba umakeng ka maina ba ne ba siame mme ba bangwe ba ne ba sa siama. (Ruthe 4:1-3; Math. 26:18) Re bolelelwa maina a baengele ba le babedi fela ba ba neng ba ikanyega.—8/1, tsebe 10. Kwantle ga maatla a a tswang kwa Modimong, ke eng gape se se neng sa thusa Basupi ba le 230 gore ba itshoke mo mogwantong o moleele go tswa kwa kampeng ya pogiso kwa Sachsenhausen? Le fa ba ne ba koafaditswe ke tlala le bolwetse, ba ne ba tswelela ba kgothatsana gore ba itshoke. —8/15, tsebe 18. Ke eng fa re kgothadiwa ke pego ya fa Baiseraele ba ne ba kgabaganya Noka ya Joredane gore ba tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng? ile sa nonotsha tumelo ya bone mo go ene le tsela e ba mo ikanyang ka yone mme le rona re ka kgothadiwa ke pego eno.—9/15, tsebe 16. Go bo Baebele e umaka mmala kgapetsakgapetsa go re bontsha eng? Tsela e Baebele e dirisang mmala ka yone e re bontsha gore Modimo o a tlhaloganya gore mmala o ka tlhotlheletsa maikutlo a batho le gore mmala o ka re thusa go gakologelwa dilo.—10/1, tsebe 14-15. Boporofeti jwa Mika 5:5 jo bo buang ka dikgosana le badisa bo diragadiwa jang gompieno? Re tlhaloganya gore ‘badisa ba le supa le dikgosana tse robedi’ tse di umakilweng mo go Mika 5:5 ke bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong ba ba nonotshang batho ba Modimo gore ba kgone go lebana le tlhaselo e e boleletsweng pele e e kgatlhanong le bone.—11/15, tsebe 20. Mabaka mangwe a go bo re tlhoka Modimo ke afe? Re tlhoka kaelo e e molemo le tharabololo ya mathata a botshelo, e leng se re ka se bonang mo Modimong. O iketleeditse go re thusa gore re tshele sentle re itumetse, mme o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tse di mo Lefokong la gagwe, gore seno se kgonege. —12/1, tsebe 4-6. Le fa gone noka e ne e penologa, Jehofa o ne a emisa metsi a yone gore batho ba gagwe ba kgone go feta. Seo se tshwanetse sa bo se TORA YA TEBELO ‘SENO E TLA NNA SEGOPOTSO MO GO LONA’ “Letsatsi leno e tla nna segopotso mo go lona, lo le keteke go nna moletlo wa ga Jehofa.” —EKES. 12:14. A O KA TLHALOSA? ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Baiseraele ba ba neng ba le kwa Egepeto ba ne ba tshwanetse go dira eng go baakanyetsa Tlolaganyo ya ntlha le go e keteka? FA O akanya ka malatsi a a botlhokwa a o a gopolang, ke lefe le le tlang mo mogopolong ka bonako? Motho yo o nyetseng a ka nna a re: “Nna ke gopola letsatsi la me la lenyalo.” Ba bangwe bone ba ka nna ba gopola letlha lengwe mo hisitoring le le ketekiwang ke batho ba le bantsi le le jaaka fa naga ya bone e ne e bona boipuso. Mme gone, a o itse letsatsi le le sa bolong go nna le gopolwa dingwaga tse di fetang 3 500 mo lefatsheng lotlhe? 2 Letsatsi leo ke Tlolaganyo. Le ne le tshwaya go gololwa ga Baiseraele ba bogologolo mo bokgobeng kwa Egepeto. Le tshwanetse go nna la botlhokwa mo go wena. Ka ntlha yang? Ka gonne le ama dikarolo tse di botlhokwa thata tsa botshelo jwa gago. Mme gone o ka nna wa akanya jaana, ‘le fa gone Bajuda ba keteka Tlolaganyo, nna ga ke Mojuda. Ke eng fa ke tshwanetse go kgatlhegela letsatsi leo?’ Karabo e ka bonwa mo mafokong ano a a botlhokwa: “Keresete tlolaganyo ya rona o ntshitswe setlhabelo.” (1 Bakor. 5:7) Gore re tlhaloganye botlhokwa jwa mafoko ao a a boammaaruri, re tlhoka go itse ka Tlolaganyo ya Bajuda mme re bone gore e amana jang le taelo e e neng ya newa Bakeresete botlhe. KE ENG FA TLOLAGANYO E NE E KETEKIWA? Batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba e seng Bajuda, ba ka tswa ba na le kitso nngwe ka tiragalo e e dirileng gore go nne le Tlolaganyo ya ntlha. Ba ka tswa ba badile ka kgang eo mo bukeng ya Baebele ya Ekesodo, ba utlwile batho ba tlotla ka yone kgotsa ba e bone mo filiming e e theilweng mo tiragalong eo. 4Fa Baiseraele e ne e le makgoba kwa Egepeto ka dingwaga di le dintsi, Jehofa o ne a romela Moshe le morwarraagwe e bong Arone kwa go Faro, gore ba mo kope gore a golole batho ba Gagwe. Molaodi yoo yo o boikgogomoso wa kwa Egepeto o ne a gana go golola Baiseraele, ka jalo, Jehofa o ne a tlisetsa lefatshe leo motseletsele wa dipetso 3 ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba ja leng dijo tsa Tlolaganyo ya bofelo, mme go ne ga diragala eng moragonyana mo letsatsing leo? ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Re ka ithuta dithuto dife tsa botlhokwa mo dipegong tsa Tlolaganyo ya ntlha le Khudugo? 1, 2. Ke letsatsi lefe le le botlhokwa le Bakeresete botlhe ba tshwa- netseng go le kgatlhegela, mme ka ntlha yang? 3, 4. Go tlile jang gore Tlolaganyo ya ntlha e nne teng? 17 tse di senyang. Labofelo Modimo o ne a tlisa petso ya bolesome e e neng e le go swa ga maitibolo a Baegepeto mme e ne ya dira gore Faro a golole Baiseraele.—Ekes. 1:11; 3:9, 10; 5:1, 2; 11:1, 5. 5 Ke eng se Baiseraele ba neng ba tshwanetse go se dira pele ga ba ka gololwa? E ne e le ka 1513 B.C.E., nako ya dikgakologo fa bosigo le motshegare di lekana, mo kgweding ya Sehebera ya Abibe e moragonyana e neng ya bidiwa Nisane. Modimo o ne a laetse Baiseraele gore mo letsatsing la bolesome la kgwedi eo, ba ipaakanyetse go dira dilo dingwe ka Nisane 14. Letsatsi leo le ne la simolola fa letsatsi le phirima ka gonne letsatsi la Bahebera le ne le simolola fa letsatsi le phirima go fitlha ka phirimo ya letsatsi le le latelang. Ka Nisane 14, lelapa lengwe le lengwe le ne le tshwanetse go tlhaba nku e tonanyana (kgotsa podi) ba bo ba kgatsha madi a yone mo dikgorong le mo mephakwaneng ya ntlo ya bone. (Ekes. 12:3-7, 22, 23) Lelapa le ne le tshwanetse go ja nku e e besitsweng mmogo le senkgwe se se sa bedisiwang le ditlhatshana dingwe tse di natefisang. Moengele wa Modimo o ne a tla ralala lefatshe Egepeto a bolaya maitibolo a Baegepeto, mme Baiseraele ba ba neng ba ikanyega bone ba ne ba tla sirelediwa ba bo ba gololwa.—Ekes. 12: 8-13, 29-32. 6 Seo ke se se neng sa diragala, mme Baiseraele ba ne ba tshwanetse go gopola go gololwa ga bone mo dingwageng tse di tlang. Modimo o ne a ba bolelela jaana: “Letsatsi leno e tla nna segopotso mo go lona, lo le keteke go nna moletlo wa ga Jehofa go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona. Lo le keteke e le molao ka bosakhutleng.” Morago ga moletlo wa letsatsi la bo14, ba ne ba tshwanetse go keteka moKgwedi ya ntlha ya khalendara ya Sehebera e ne e bidiwa Abibe, mme moragonyana e ne ya bidiwa Nisane fa Baiseraele ba se na go boa kwa botshwarwa kwa Babelona. Mo setlhogong seno, re tla dirisa leina Nisane. 5. Ke eng se Baiseraele ba neng ba tshwanetse go se dira gore ba gololwe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) 6. Batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go leba Tlolaganyo jang? 18 letlo wa malatsi a le supa. Nisane 14 e ne e le lone tota letsatsi la moletlo wa Tlolaganyo, mme gone, leina Tlolaganyo gape le ka kaya moletlo wa malatsi otlhe a le robedi. (Ekes. 12: 14-17; Luke 22:1; Joh. 18:28; 19:14) Tlolaganyo e ne e le mongwe wa meletlo e e tlhomilweng e Bahebera ba neng ba tshwanetse go e keteka ngwaga le ngwaga.—2 Ditir. 8:13. 7E re ka Jesu le baaposetoloi ba gagwe e ne e le Bajuda ba ba neng ba le ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe, le bone ba ne ba keteka Tlolaganyo ngwaga le ngwaga. (Math. 26:1719) Labofelo fa ba ne ba dira jalo, ke fa Jesu a ne a tlhoma tiragalo e ntšha e balatedi ba gagwe ba neng ba tla e boloka ngwaga le ngwaga—Sejo sa Morena sa Maitseboa. Mme gone, ba ne ba tshwanetse go e gopola ka letsatsi lefe? SEJO SA MORENA SA MAITSEBOA SE TSHWARWA LENG? E re ka Jesu a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa morago fela ga Tlolaganyo ya bofelo, tiragalo eno e ntšha e ne e tla nna ka letsatsi le le tsamaisanang le la Tlolaganyo. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o lemogile gore letlha la Tlolaganyo ya Bajuda le le tlhagelelang mo dikhalendareng tsa segompieno le ka tswa le farologana le letlha le re gopolang loso lwa ga Keresete ka lone ka letsatsi le le lengwe kgotsa go feta. Ke eng fa go na le pharologano eno? Lengwe la mabaka le amana le taelo e Modimo a neng a e naya Baiseraele. Morago ga gore Moshe a laele gore ‘phuthego yotlhe ya kopano ya Iseraele e tlhabe’ kwana, o ne a tlhalosa gore ba dire seo leng ka Nisane 14.—Bala Ekesodo 12:5, 6. 9The Pentateuch and Haftorahs e tlhalosa gore Ekesodo 12:6 ya re, kwana e ne e tshwanetse go tlhabiwa “fa gare ga maitseboa a ma8 7. Jesu o ne a tlhoma eng ka nako ya Tlolaganyo e e botlhokwa ya bofelo? 8. Go tsoga potso efe malebana le Tlolaganyo le Sejo sa Morena sa Maitseboa? 9. Go ya ka Ekesodo 12:6, kwana ya Tlolaganyo e ne e tshwanetse go tlhabiwa leng? (Bona gape le lebokose le le reng “E ne E le Ka Nako Efe?”) TORA YA TEBELO E NE E LE KA NAKO EFE? Motlhalosi wa Mojuda e bong Marcus Kalisch (1828-1885) o ne a kwala jaana: “Kgang eno e ne ya tlhalosiwa sentle ke Ebn Ezra [rabi wa Mo-Spain yo o neng a tumile, 10921167]: ‘Re na le maitseboa a le mabedi; a ntlha ke go phirima ga letsatsi . . . mme a bobedi, ke go nyelela ga lesedi le le bonalang mo marung; mme magareng ga dinako tseno tse pedi, go na le lobaka lwa ura le metsotso e le masome a mabedi;’ mme tlhaloso eno, e go bonalang e le tsela e e utlwalang sentle ya go tlhalosa dilo, ke tsela e Bakaraite le Basamarea le bone ba neng ba tlhalosa nako ka yone mme e ile ya dirisiwa ke batho ba bangwe ba le bantsi.” Tsela eno ya go leba dilo ya gore kwana e ne ya bo- bedi.” Dithanolo tse dingwe tsa Baebele le tsone di dirisa yone polelwana eno. Tse dingwe tsone, go akaretsa Tanakh ya Bajuda di le ranola e le, “ka lotlatlana.” Mme tse dingwe tsone di le ranola e le “fa letsatsi le se na go wela” kgotsa “ka maabanyane.” Ka jalo, kwana e ne e tshwanetse go tlhabiwa fa letsatsi le sena go phirima mme gone go sa ntse go bonala, fa go simologa Nisane 14. 10Moragonyana Bajuda bangwe ba ne ba akanya gore go tshwanetse ga bo go ne go tsaya diura di le dintsi go tlhaba dikwana tsotlhe tse di neng di tlisiwa kwa tempeleng. Ka jalo, go ne go tlhaloganngwa Ekesodo 12:6 e kaya bokhutlo jwa Nisane 14, nako ya morago ga sethoboloko go fitlha nako ya fa letsatsi le phirima. Mme fa e le gore go ntse jalo, go ne go tla jewa leng? Porofesara Jonathan Klawans, yo e leng mankge mo tumelong ya bogologolo ya Sejuda o ne a re: “Letsatsi le lesha le ne le simologa fa letsatsi le wela, ka jalo, setlhabelo se ne se dirwa mo letsatsing la bo14, mme gone, go ne go simololwa go jewa le go keteka Tlolaganyo mo letsatsing la bo15, le fa gone tsela e matlha ano a latelanang ka yone e sa tlhalosiwa mo go Ekesodo.” Gape o ne a kwala jaana: “Dibuka tsa borabi . . . ga di leke go re bolelela gore Seder [dijo tsa Tlolaganyo] e ne e ketekiwa jang pele ga Tempele e senngwa” ka 70 C.E.—Mokwalo o o sekameng ke wa rona. 10. Go ya ka batho bangwe, kwana e ne e tlhabiwa leng, mme seo se tsosa potso efe? DECEMBER 15, 2013 lawa fa go simologa Nisane 14, e dumalana le taelo e e neng ya newa Baiseraele e e mo go Duteronome 16: 6, ya gore setlhabelo sa “tlolaganyo” se tshwanetse go dirwa “mo maitseboeng fela fa letsatsi le phirima, ka nako e e tlhomilweng ya go tswa ga gago kwa Egepeto.”—Ekes. 30:8; Dipa. 9:3-5, 11. Seno se dira gore re ipotse gore, Tlolaganyo ya 33 C.E. yone e ne ya ketekiwa leng? Ka Nisane 13, fa letsatsi “le [kwana] e e bolaelwang tlogalanyo e tshwanetseng go ntshiwa setlhabelo mo go lone” le atamela, Keresete o ne a bolelela Petere le Johane jaana: “Tsamayang lo ye go baakanya tlolaganyo gore re je.” (Luke 22:7, 8) ‘Kgabagare nako e ne ya goroga’ gore go jewe dijo tsa Tlolaganyo fa letsatsi le se na go phirima ka Nisane 14, e e neng e tla nna Labonè maitseboa. Jesu o ne a ja dijo tseo le baaposetoloi ba gagwe, morago ga moo a bo a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa. (Luke 22:14, 15) Mo bosigong joo, o ne a tshwarwa a bo a sekisiwa. O ne a bapolwa pele ga sethoboloko ka Nisane 14 mme a swa mo thapameng ya letsatsi leo. (Joh. 19:14) Ka jalo, ‘Keresete tlolaganyo ya rona o ne a ntshiwa setlhabelo’ mo letsatsing le kwana ya Tlolaganyo e neng ya bolawa mo go lone. (1 Bakor. 5:7; 11:23; Math. 26:2) Fa letsatsi leo la Bajuda le ela go khutla, Jesu o ne a fitlhwa—pele ga Nisane 15 e simologa.—Lefi. 23:5-7; Luke 23:54. 11 Fa letsatsi le phirima, go ne go simologa Nisane 15, se se kayang gore Sabata (Lamatlhatso) ya beke le beke ya ngwaga oo, e ne e tsamaisana le letsatsi la ntlha la Moletlo wa Dikuku tse di sa Bedisiwang, o ka metlha e neng e le sabata. E re ka boSabata bano ba babedi ba ne ba nna ka letsatsi le le lengwe mo ngwageng oo, letsatsi leo le ne la bidiwa Sabata “yo mogolo.”—Bala Johane 19:31, 42. 11. (a) Jesu o ne a diragalelwa ke eng mo letsatsing la Tlolaganyo ya 33 C.E.? (b) Ke eng fa Nisane 15 ka 33 C.E. e ne e bidiwa Sabata “e kgolo”? (Bona ntlha e e kwa tlase.) 19 Fa lo tlotla ka Tlolaganyo, ke dithuto dife tse o tla thusang bana ba gago gore ba di ithute? (Bona serapa 14) SEGOPOTSO SE SE NANG LE BOKAO MO GO WENA Mma re sekasekeng se se neng sa diragala kwa Egepeto. Moshe o ne a re, mo isagweng batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go boloka Tlolaganyo; e ne e tshwanetse go nna molao ka “bosakhutleng.” Ka nako eo ya moletlo wa ngwaga le ngwaga, bana ba ne ba botsa batsadi ba bone dipotso malebana le gore tiragalo eo e ne e kaya eng. (Bala Ekesodo 12:2427; Dute. 6:20-23) Ka jalo, Tlolaganyo e ne e tla nna “segopotso,” tota le mo baneng.—Ekes. 12:14. 13 Fa dikokomana tse disha di ntse di gola, batsadi ba ne ba tla ruta bana ba bone dithuto tse di botlhokwa malebana le Tlolaganyo. Nngwe ya dithuto tseo e ne e le gore Jehofa a ka sireletsa baobamedi ba gagwe. Bana ba ne ba ithuta gore Jehofa ga se Modimo yo o sa tlhaloganyesegeng, yo e seng wa mmatota. Jehofa ke Modimo wa mmatota, yo o tshelang, yo o kgatlhegelang batho ba gagwe le yo o ba sireletsang. O ne a bontsha seo ka nako ya fa a ne a sireletsa maitibolo a Baiseraele, “fa a ne 12 12, 13. Bana ba Bajuda ba ne ba nna le seabe jang fa go ne go ketekiwa Tlolaganyo? 20 a itaya Baegepeto ka dipetso.” O ne a boloka maitibolo a Baiseraele a tshela. 14Gompieno batsadi ba Bakeresete ga ba a laelwa gore ngwaga le ngwaga ba bolelele bana ba bone gore Tlolaganyo e ne e kaya eng. Le fa go ntse jalo, a o ruta bana ba gago thuto e e tshwanang le eo, ya gore Modimo o sireletsa batho ba gagwe? A o ba bolelela gore o tlhatswegile pelo ka botlalo gore Jehofa e sa ntse e le Mosireletsi wa batho ba gagwe. (Pes. 27:11; Isa. 12:2) Mme gape, a o ruta bana ba gago jalo ka go tlotla le bone ka tsela e e lorato le e e itumedisang? Dira maiteko a go tlotla le bone ka kgang eno gore o tlhotlheletse lelapa la gago gore le gole semoyeng. 15Mo pegong ya Tlolaganyo, ga re ithute fela gore Jehofa o kgona go sireletsa batho ba gagwe. Mme gape re ithuta gore o ne a ba golola ka go ba “ntsha kwa Egepeto.”Akanya fela gore seo se ne se akaretsa eng. Ba ne ba kaelwa ke pilara ya leru le ya molelo. Ba ne ba tsamaya mo gare ga lewatle fa metsi a Lewatle le Lehibidu a ne a itirile dipota kafa molemeng le kafa mojeng. Fa ba setse ba kgabagantse, ba ne ba bona metsi ao a ribegetsa masole a Baegepeto. Ka jalo, Baiseraele bao ba ba neng ba golotswe ba ne ba opela jaana: “Mma ke opelele Jehofa . . . O latlhetse pitse le mopalami wa yone mo lewatleng. Jah ke nonofo ya me le thata ya me, ka gonne o a mpoloka.”—Ekes. 13: 14, 21, 22; 15:1, 2; Pes. 136:11-15. 16 Fa e le gore o na le bana, a o ba thusa gore ba ikanye Jehofa e le Mogolodi wa bone? A ba kgona go bona gore o tlhatswegile pelo mo metlotlong ya gago le mo ditshwetsong tse o di dirang? Mo Kobamelong ya lona ya Lelapa, lo ka tlotla ka pego e e mo go Ekesodo kgaolo 1215, o bo o gatelela kafa Jehofa a ileng a golola batho ba gagwe ka gone. Ka dinako dingwe, o ka nna wa atolosa kgang eo ka go sekaseka Ditiro 7:30-36 kgotsa Daniele 3:16-18, 26-28. Basha mmogo le bagolo ba tshwanetse go tlha14. Batsadi ba Bakeresete ba ka dirisa pego ya Tlola- ganyo go thusa bana ba bone gore ba anaanele eng? 15, 16. Pego ya Tlolaganyo le ya Khudugo di ka dirisiwa go gatelela eng malebana le Jehofa? TORA YA TEBELO tswega pelo gore le gompieno Jehofa e sa ntse e le Mogolodi. O tla re golola mo isagweng, fela jaaka a ile a golola batho ba gagwe mo motlheng wa ga Moshe.—Bala 1 Bathesalonika 1: 9, 10. SE RE KA SE GOPOLANG Bakeresete ba boammaaruri ga ba keteke Tlolaganyo ya Bajuda. Moletlo oo e ne e le karolo ya Molao wa ga Moshe, mme rona ga re ka fa tlase ga Molao oo. (Bar. 10:4; Bakol. 2:1316) Go na le moo, re gopola ka lorato tiragalo nngwe, loso lwa Morwa wa Modimo. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le dikarolo dingwe tsa moletlo wa Tlolaganyo tse di simologileng kwa Egepeto, tse di sa ntseng di na le bokao mo go rona. 18 Madi a kwana a a neng a gasiwa mo dikgorong le mo mephakwaneng a ne a boloka botshelo. Gompieno ga re ntshetse Modimo ditlhabelo tsa diphologolo—e ka tswa e le ka letsatsi la Tlolaganyo kgotsa ka nako epe fela. Mme gone, go na le setlhabelo se se botoka se se ka bolokang botshelo go ya go ile. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka “phuthego ya maitibolo a a kwadisitsweng kwa magodimong.” Tsela e go ka bolokwang matshelo a Bakeresete bao ba batlodiwa ka yone ke ka “madi a go kgatšha” a ga Keresete. (Baheb. 12:23, 24) Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba ikaegile ka madi ao gore ba bolokwe. Ba tshwanetse gore ka metlha ba ikgopotse mafoko ano a a ba tlhomamisetsang: “Ka ene, re gololwa ka thekololo ka madi a gagwe, ee, boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, go ya ka dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.”—Baef. 1:7. 19Fa kwana e ne e bolawa ka Tlolaganyo gore e jewe, Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go roba lerapo lepe la yone. (Ekes. 12:46; Dipa. 17 17, 18. Go akanya ka tsela e madi a neng a dirisiwa ka yone mo Tlolaganyong ya ntlha go tshwanetse ga re gopotsa eng? 19. Se se neng se dirwa ka kwana ya Tlolaganyo le se se dirilweng ka Jesu se ka nonotsha jang tsholofelo ya rona mo boporofeting? DECEMBER 15, 2013 9:11, 12) Go tweng ka “Kwana ya Modimo” e e neng e tlile go ntshiwa thekololo? (Joh. 1:29) O ne a bapolwa le dinokwane. Bajuda ba ne ba kopa Pilato gore ba robe marapo a banna bao. Seno se ne se tla dira gore ba swe ka bonako, gore ba se ka ba nna ba kaletse mo dikoteng go fitlha ka Nisane 15, e e neng e le boSabata ba babedi. Masole a ne a roba maoto a dinokwane tse pedi, “mme fa ba tla mo go Jesu, ka ba ne ba bona gore o ne a setse a sule, ba se ka ba roba maoto a gagwe.” (Joh. 19:31-34) Seno se ne se dumalana le se se neng se dirwa ka kwana ya Tlolaganyo, ka jalo, kwana eno e ne e le “moriti” wa se se neng se tla direga ka Nisane 14, 33 C.E. (Baheb. 10:1) Mo godimo ga moo, tsela e dilo di neng tsa direga ka yone e ne e diragatsa mafoko a a mo go Pesalema 34: 20, e leng se se nonotshang tsholofelo ya rona mo boporofeting. 20 Mme gone, go na le pharologanyo gareng ga Tlolaganyo le Sejo sa Morena sa Maitseboa. Seno se bontsha gore Tlolaganyo e Bajuda ba neng ba tla e keteka e ne e se kitla e tshwantshetsa se Keresete a neng a se bolelela balatedi ba gagwe gore ba se dire go gopola loso lwa gagwe. Kwa Egepeto, Baiseraele ba ne ba ja nama ya kwana mme e seng madi a yone. Seno se farologana le se Jesu a neng a bolelela barutwa ba gagwe gore ba se dire. O ne a re ba ba neng ba tla busa “mo bogosing jwa Modimo” ba tshwanetse go ja senkgwe le go nwa beine e le ditshwantshetso tsa nama le madi a gagwe. Re tlile go tlotla ka seno ka botlalo mo setlhogong se se latelang.—Mar. 14:22-25. 21 Ga go pelaelo gore Tlolaganyo e ne e le tiragalo e kgolo e Modimo a neng a dirisana le Baiseraele ka yone, e bile e re ruta dithuto tsa botlhokwa. Le fa gone Tlolaganyo e ne e le ‘segopotso’ sa Bajuda e seng Bakeresete, rona Bakeresete re tshwanetse go itse ka yone le go ithuta dithuto tse di utlwalang sentle tsa yone e le karolo ya ‘Lokwalo lotlhe lo lo tlhotlheleditsweng ke Modimo.’—2 Tim. 3:16. 20. Go na le pharologanyo efe ya botlhokwa gareng ga Tlolaganyo le Sejo sa Morena sa Maitseboa? 21. Ke eng fa go le molemo go itse ka Tlolaganyo? 21 ‘DIRANG SENO E LE GO NKGOPOLA’ “Fa a sena go leboga, a . . . ngathoganya [senkgwe] a ba a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’” —1 BAKOR. 11:24. O TLA ARABA JANG? ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Letlha la Segopotso le tlhomiwa jang? ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Ke eng se se emelang senkgwe le beine ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitseboa? ___________________________________________________________________________________________________________________________________________________________ Ke eng fa go le botlhokwa go nna gone mo Segopotsong go sa kgathalasege gore re na le tsholofelo efe? 22 ‘MARU a apogile jaanong, re kgona go bona karolwana ya ngwedi. Maabane bosigo, badisa kwa Jerusalema ba tshwanetse ba bo ba ile ba bona karolwana ya ngwedi. Fa Sanehederine e sena go lemoga seno, e ne ya itsise gore kgwedi e ntšha e leng Nisane e simolotse. Go tswa foo, barongwa ba ne ba simolola go anamisa dikgang, tota le go fitlha fano. Ga go pelaelo gore Jesu o tla batla go ya kwa Jerusalema gore a goroge koo pele ga Tlolaganyo.’ 2 Re ka akanya gore batho bangwe ba ba neng ba na le Jesu kwa Perea (ka kwa ga Joredane) fa a ne a le mo loetong lwa gagwe lwa bofelo go ya kwa Jerusalema, ba ne ba akanya jalo. (Math. 19:1; 20:17, 29; Mar. 10:1, 32, 46) Fela fa letsatsi la ntlha la kgwedi ya Sejuda ya Nisane le tlhomamisitswe, Tlolaganyo e ne e tla tshwarwa malatsi a le 13 moragonyana, morago ga phirimo ya letsatsi ka Nisane 14. 3 Letlha la Sejo sa Morena sa Maitseboa, le le tsamaisanang le letlha la Tlolaganyo e tla nna fa letsatsi le se na go phirima ka Moranang 14, 2014. E tla nna letsatsi le le kgethegileng mo Bakereseteng ba boammaaruri le mo bathong ba ba kgatlhegang. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya se re se balang mo go 1 Bakorintha 11:23-25: “Jesu mo bosigong jo a neng a tlile go neelwa ka jone o ne a tsaya senkgwe mme, fa a sena go leboga, a se ngathoganya a ba a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’ A dira ka tsela e e tshwanang le ka senwelo.” 4Ga go pelaelo gore o tla nna gone mo tiragalong e le nngwe fela e Jesu a neng a re balatedi ba gagwe ba tshwanetse go e gopola ngwaga le ngwaga. Mme gone jaanong, ipotse jaana: ‘Ke tshwanetse go baakanyetsa jang maitseboa ao? Ke dilo dife tse di tla dirisiwang? Go tla latelwa 1, 2. Baaposetoloi ba ka tswa ba ile ba akanya ka eng malebana le loeto lwa go ya Jerusalema? 3. Ke eng fa go tshwanela gore Bakeresete ba kgatlhegele letsatsi la Tlolaganyo? 4. (a) Ke dipotso dife tse di ka tsogang malebana le Segopotso? (b) Re lemoga jang letlha la Segopotso ngwaga le ngwaga? (Bona lebokose le le reng “Segopotso sa 2014.”) TORA YA TEBELO thulaganyo efe ka nako ya tiragalo eo? Mme gone, tiragalo eo le dilo tse di tla dirisiwang, di tshwanetse go nna le bokao bofe mo go nna?’ DITSHWANTSHETSO 5Fa Jesu a ne a bolelela baaposetoloi gore ba ye go baakanya phaposi e ba neng ba tla e dirisetsa go ja dijo tsa Tlolaganyo, ga a ka a bua ka mekgabiso e e magasigasi; go na le moo, go bonala a ne a batla fela lefelo le le tshwanelang, phaposi e e phepa e e ka lekanang batho ba ba laleditsweng. (Bala Mareko 14:12-16.) Ba ne ba tshwanetse go baakanya dilo dingwe tse di neng di tla dirisiwa, go akaretsa senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu. Fa go se na go jewa dijo tsa Tlolaganyo, Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo ditshwantshetsong tseo tse pedi. 6Moaposetoloi Mathaio yo o neng a le gone, moragonyana o ne a kwala jaana: “Jesu a tsaya senkgwe mme, morago ga go rapela, a se ngathoganya mme, ya re a se naya barutwa 5. Jesu o ne a laela gore go baakanyediwe eng mo Tlo- laganyong ya bofelo le baaposetoloi ba gagwe? 6. (a) Morago ga dijo tsa Tlolaganyo, Jesu o ne a reng ka senkgwe? (b) Go dirisiwa senkgwe se se ntseng jang mo Segopotsong? ba gagwe, a re: ‘Tsayang, jang.’” (Math. 26:26) “Senkgwe” e ne e le se se sa bedisiwang, jaaka se se neng se dirisiwa mo Tlolaganyong. (Ekes. 12:8; Dute. 16:3) Senkgwe se ne se dirilwe ka folouru le metsi, mme se ne se sa tsenngwa sebediso le letswai. E re ka senkgwe se ne se se na sebediso, se ne se ka se kokomoge. Se ne se tla omelela, se nne motlhofo go se ngathoganya. Gompieno, fa bagolwane ba phuthego ba baakanyetsa Segopotso, ba ka nna ba kopa mongwe gore a dire senkgwe seo ka folouru ya korong le metsi, a se apeye mo paneng e e tshasitsweng mafura go se kae. (Fa e le gore ga go kgonege go bona folouru ya korong, se ka nna sa diriwa ka folouru ya raese, barele, mmidi kgotsa thoro nngwe e e tshwanang le eo.) Kgotsa go ka dirisiwa senkgwe sa Bajuda sa matzoth, se se se nang momela, mae kgotsa dieiye. 7 Mathaio o tswelela ka gore: “[Jesu o ne] a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe.’” (Math. 26:27, 28) Se Jesu a neng a se tshotse e ne e le senwelo sa beine e khibidu. (E ne e ka se nne matute a morara o mosha ka gonne 7. Jesu o ne a bua ka mofuta ofe wa beine, mme ke mofuta ofe wa beine o o ka dirisiwang gompieno mo Segopotsong? SEGOPOTSO SA 2014 Ngwedi o dikologa lefatshe kgwedi le kgwedi. Nako le nako fa seno se direga, go nna le nako e ka yone ngwedi o emang fa gare ga lefatshe le letsatsi. Tiragalo eno e bidiwa “ngwedi yo mosha.” Ka nako eo, ngwedi ga o bonale mo lefatsheng ka lobaka lwa diura di le 18 go ya go di le 30. Ka 2014, ngwedi yo mosha yo o tlang ka paka ya letlhabula kwa Jerusalema, ka nako ya fa bosigo le motshegare di lekana ka boleele, e tla bo e le ka Mopitlwe 30, ka 8:45 p.m. (20:45). Phirimo ya letsatsi e e latelang e tla nna diura di le 21 morago ga moo (ka Mopitlwe 31). Ga re tlhomamisege gore a karolwana ya ngwedi (first sliver of the moon) e tla bonala ka nako eo. Go ka direga gore karolwana eo ya ngwedi e bonwe morago ga phirimo ya letsatsi ya Moranang 1, kwa Jerusalema. Ka jalo, fa re dirisa mokgwa oo o Bajuda ba bogologolo ba neng ba o dirisa, re ka re Nisane 1 e tla simologa fa letsatsi le phirima ka Moranang 1. Ka jalo, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di boleletswe gore Nisane 14 e tla simologa fa letsatsi le phirima ka Mantaga, Moranang 14, 2014. Ka nako eo, ngwedi o tla bo o feletse.—Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa letlha la segopotso le bonwang ka gone, bona Tora ya Tebelo ya June 15, 1977, tsebe 383384. (ka Seesemane.) Baaposetoloi ba ne ba nwa beine e e neng e emela madi a ga Jesu a kgolagano (Bona serapa 11, 12) thobo ya morara e ne e sa bolo go fela.) Beine ga e a ka ya dirisiwa mo Tlolaganyong ya ntlha ya kwa Egepeto, le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a gana fa e ne e dirisiwa mo Tlolaganyong. O ne a bo a e dirisa ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ke gone ka moo, Bakeresete ba dirisang beine mo Segopotsong. E re ka go ne go sa tlhokege gore boleng jwa madi a ga Jesu bo okediwe, beine e e dirisiwang ga e tlhoke go tsenngwa borenti kgotsa ditswaiso dingwe. Go tshwanetse ga dirisiwa beine e khibidu e e se nang sepe, beine e e itiretsweng kgotsa e e rekisiwang e e jaaka Beaujolais, Burgundy kgotsa Chianti. DITSHWANTSHETSO TSE DI NANG LE BOKAO 8Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa sentle gore Bakeresete ba bangwe ba e seng baaposetoloi le bone ba ne ba tshwanetse go gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa. O ne a kwalela badumedimmogo le ene ba kwa Korintha jaana: “Ke ne ka amogela mo Moreneng se gape ke neng ka se fetisetsa kwa go lona, gore Morena Jesu . . . o ne a tsaya senkgwe mme fa a sena go leboga, a se ngathoganya a ba a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’” (1 Bakor. 11:23, 24) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete le bone gompieno ba tshwara tiragalo eno e e kgethegileng ngwaga le ngwaga e bile ba kgatlhegela tsela e senkgwe le beine di leng botlhokwa ka yone. 9Batho bangwe ba ba tsenang kereke ba re Jesu o ne a bua jaana ka tsela ya mmatota: ‘Seno ke mmele wa me,’ ka jalo ba dumela gore senkgwe se ne sa fetoga ka kgakgamatso go nna nama ya ga Jesu. Le fa go ntse jalo, seno ga se boammaaruri. Mmele wa ga Jesu le senkgwe se se sa bedisiwang se ba neng ba tlile go se ja di ne di le fa pele ga baaposetoloi ba gagwe. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a bua Mokanoki mongwe wa Mojeremane e bong Heinrich Meyer a re: “E re ka . . . mmele wa ga Jesu o ne o sa robiwa (o sa ntse o tshela) le madi a Gagwe a ne a sa tshololwa, ga go na ope [baaposetoloi] yo o neng a ka . . . akanya gore o ja nama le go nwa madi a Morena ka tsela ya mmatota, [ka jalo] ga go bonale Jesu a ne a ka batla gore mafoko a gagwe a a motlhofo a tlhaloganngwe ka tsela e ba neng ba ka se e dumele.” 8. Ke eng fa Bakeresete ba kgatlhegela botlhokwa jwa 9. Batho bangwe ba dumela eng ka senkgwe se Jesu a senkgwe le beine? neng a se dirisa? 24 TORA YA TEBELO ka tsela ya tshwantshetso, fela jaaka a ile a dira ka makgetlho a mangwe a mantsi.—Joh. 2:19-21; 4:13, 14; 10:7; 15:1. 10Senkgwe se baaposetoloi ba neng ba se bona, se ba neng ba tlile go se ja se ne se kaya mmele wa ga Jesu. Ka ntlha yang? Nako nngwe, batlhanka ba Modimo ba ne ba akanya gore Jesu o ne a ngathoganya senkgwe mme e seng marapo a gagwe, senkgwe se kaya ‘mmele wa ga Keresete,’ phuthego ya batlodiwa. (Baef. 4:12; Bar. 12:4, 5; 1 Bakor. 10:16, 17; 12:27) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, fa go sekasekiwa mabaka le Dikwalo go ne ga lemogiwa gore senkgwe se emela mmele wa ga Jesu, o o neng o baakanyeditswe ene. Jesu o ne a “boga mo mmeleng,” a bo a bapolwa. Ka jalo, mo Sejong sa Morena sa Maitseboa, senkgwe se emela mmele wa mmatota wa ga Jesu o o neng wa “sikara maleo a rona.”—1 Pet. 2: 21-24; 4:1; Joh. 19:33-36; Baheb. 10:5-7. 11 Seno se re thusa go tlhaloganya se Jesu a se buileng ka beine. Re bala jaana: “A dira ka tsela e e tshwanang le ka senwelo le sone, fa a sena go ja dijo tsa maitseboa, a re: ‘Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me.’” (1 Bakor. 11:25) Dibaebele di le dintsi di kwadilwe ka tsela e e tshwanang le thanolo eno ya ga Robert Young: “Senwelo seno ke kgolagano e ntšha mo mading a me.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A senwelo se Jesu a neng a se tshotse ke kgolagano e ntšha. Nnyaa. Lefoko “senwelo” le kaya beine e e mo teng ga sone. Jesu o ne a re beine e kaya eng kgotsa e emela eng? Madi a gagwe a a tshologileng. 12 Mo Efangeleng ya ga Mareko, re fitlhela mafoko ano a ga Jesu: “Seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi.” (Mar. 14:24) Eleruri madi a ga Jesu a ne a tla ‘tshololelwa ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’ (Math. 26:28) Ka jalo, go a tshwanela go bo beine e emela madi a mma- tota a ga Jesu. Ka ntlha ya madi ao, re kgona go gololwa, mo ‘boitshwarelong jwa ditlolo tsa rona.’—Bala Baefeso 1:7. 10. Ke eng se se emelwang ke senkgwe se se dirisi- sa ngwaga le ngwaga se tshwarwang ka gone. 14. Mo puong ya Segopotso, ke ditsholofelo dife tse go tlotliwang ka tsone? 15, 16. Go dirwa eng ka senkgwe ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitseboa? wang mo letsatsing la Sejo sa Morena sa Maitseboa? 11, 12. (a) Jesu o ne a reng malebana le beine? (b) Beine e e neng e dirisiwa mo Sejong sa Morena sa Maitseboa e emela eng? DECEMBER 15, 2013 GO GOPOLA LOSO LWA GA KERESETE 13Fa e le gore o tlile go kopanela le Basupi ba ga Jehofa lekgetlho la ntlha mo Segopotsong, ke eng se o tshwanetseng go se solofela? Pokano eo e tla tshwarelwa mo maemong a mantle, a a phepa a botlhe ba ka kgonang go itumelela tiragalo eo mo go one. Go ka nna le malomo a a rulagantsweng sentle, mme ga o kitla o bona lefelo le le kgabisitsweng ka tsela e e feteletseng kgotsa e kete go dirwa phati. Mogolwane yo o tshwanelegang o tla sekaseka se Baebele e se buang malebana le tiragalo eno, a dira jalo ka tsela e e utlwalang sentle le e e nang le seriti. O tla thusa botlhe gore ba anaanele se Keresete a re diretseng sone. O ne a swa gore e nne thekololo gore re tle re bone botshelo. (Bala Baroma 5:8-10.) Sebui se tla tlhalosa ditsholofelo tse pedi tse Bakeresete ba di solofetseng tse di tlhalositsweng mo Baebeleng. 14 Tsholofelo nngwe ke ya go busa kwa legodimong le Keresete, e leng tsholofelo e balatedi ba le mmalwa fela ba ga Keresete ba nang le yone, jaaka baaposetoloi ba ba ikanyegang. (Luke 12:32; 22:19, 20; Tshen. 14:1) Tsholofelo e nngwe ke e bontsi jwa Bakeresete ba gompieno ba direlang Modimo ka boikanyegi ba nang le yone. Ba na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la paradaise. Ka jalo, thato ya Modimo e tla diragala mo lefatsheng jaaka kwa legodimong, e leng sengwe se Bakeresete ba sa bolong go nna ba se rapelela. (Math. 6:10) Dikwalo di tlhalosa maemo a a itumedisang a ba tla a itumelelang ka bosakhutleng.—Isa. 11: 6-9; 35:5, 6; 65:21-23. 15Fa puo e ela kwa bokhutlong, sebui se 13. Tlhalosa kafa Segopotso sa loso lwa ga Keresete 25 tla tlhalosa gore jaanong ke nako ya go dira se Jesu a laetseng baaposetoloi ba gagwe gore ba se dire. Jaaka re tlhalositse kwa godimo, go tla dirisiwa ditshwantshetso tse pedi, senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu. Ditshwantshetso tseo di tla nna mo tafoleng gaufi le sebui. O tla umaka pego ya Baebele e e tlhalosang se Jesu a neng a se bua le go se dira fa a ne a tlhoma tiragalo eno. Ka sekai, re bala jaana mo pegong ya Mathaio: “Jesu a tsaya senkgwe mme, morago ga go rapela, a se ngathoganya mme, ya re a se naya barutwa ba gagwe, a re: ‘Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me.’” (Math. 26:26) Jesu o ne a ngathoganya senkgwe se se sa bedisiwang e le gore a se fetisetse kwa baaposetoloing ba gagwe ba ba neng ba mo dikanyeditse. Mo pokanong ya Moranang 14, o tla bona go beilwe senkgwe se se sa bedisiwang mo dipoleiting, se ngathogantswe. 16 Go tla dirisiwa dipoleiti tse di lekaneng, gore senkgwe se kgone go fetisediwa mo bathong botlhe ba ba leng gone ka nako e khutshwane. Ga go kitla go latelwa ngwao epe fa go dirwa seno. Go tla dirwa thapelo e khutshwane mme morago ga foo dipoleiti di tla fetisediwa mo bathong ka tsela e e rulaganeng, go ya ka se se tlwaetsweng go dirwa mo lefelong la lona. Ke batho ba le mmalwa fela (kgotsa ga go na ope) ba ba tla jang senkgwe, fela jaaka go diragetse mo diphuthegong di le dintsi ka 2013. 17Go tswa foo go tla tlhomiwa mogopolo mo go se Mathaio a neng a se tlhalosa, fa a ne a re: “[Jesu o ne] a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe; gonne seno se kaya “madi a kgolagano” a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’” (Math. 26:27, 28) Fela jaaka go ne ga dirwa ka nako eo, go tla dirwa thapelo e nngwe gape mme go tswa foo ‘dinwelo’ tsa beine e khibidu di tla fetisediwa mo bathong botlhe ba ba leng gone. 17. Kwa Segopotsong, go latelwa jang taelo ya ga Jesu malebana le beine? 26 Batho ba le bantsi ba ba leng gone ga ba je ditshwantshetso fa di ntse di fetisiwa, ka gonne Jesu o ne a re ke fela ba ba tla busang le ene mo Bogosing jwa kwa legodimong ba ba tshwanetseng go ja. (Bala Luke 22:28-30; 2 Tim. 4:18) Ba bangwe botlhe ba ba leng gone ba tla leba fela ka tlotlo. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go nna gone mo Sejong sa Morena sa Maitseboa, ka gonne go nna gone go bontsha gore re anaanela thata setlhabelo sa ga Jesu. Ka nako ya Segopotso botlhe ba ka akanya ka masego a ba ka nnang le one ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Ba na le tsholofelo ya go nna gareng ga “boidiidi jo bogolo” jo bo tla falolang ‘pitlagano e kgolo’ e e tlang. Bao e tla bo e le baobamedi ba ‘ba tlhatswitseng diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.’—Tshen. 7:9, 14-17. 19 Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ipaakanyetsa pokano eno e e kgethegileng. Dibeke pele ga pokano eno, re tla nna le seabe mo go laletseng batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone gore ba nne gone. Mo godimo ga moo, malatsi pele ga Segopotso, bontsi jwa rona re tla bala dipego tsa Baebele tsa se Jesu a neng a se dira le gore ke eng se se diragetseng ka 33 C.E. Re tla bo re dirile dithulaganyo gore re nne gone. Go molemo gore re goroge pele ga pina le thapelo e e bulang gore re kgone go amogela baeng le gore re kgone go reetsa thulaganyo yotlhe. Rotlhe re le maloko a phuthego le baeng, re tla solegelwa molemo thata fa re bula ditemana tsa Baebele fa sebui se ntse se tlhalosa dintlha. Se se botlhokwa le go feta ke gore, go nna gone ga rona kwa Segopotsong go tla bontsha gore re anaanela thata setlhabelo sa ga Jesu e bile seno se tla bo se bontsha gore re ikobela taelo eno ya ga Jesu: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—1 Bakor. 11:24. 18 18. Ke eng fa go sa ntse go le botlhokwa gore o nne gone mo tiragalong eno, le fa gone e le ba le mmalwa fela ba ba jang ditshwantshetso kgotsa go se ope yo o di jang? 19. Ke eng se o ka se dirang go baakanyetsa Sejo sa Morena sa Maitseboa le go dira gore se go solegele molemo? TORA YA TEBELO Go Lebana le Kgwetlho ya go Swelwa ke Molekane BAEBELE e bua jaana ka tsela e e utlwalang sentle: Monna o tshwanetse go ‘rata mosadi wa gagwe jaaka a ithata.’ Mme mosadi le ene o tshwanetse go “nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” Boobabedi ba tshwanetse go diragatsa maikarabelo a bone e le “nama e le nngwe.” (Baef. 5:33; Gen. 2:23, 24) Fa nako e ntse e ya, kamano e banyalani ba nang le yone e a nonofa mmogo le lorato lo ba ratanang ka lone. O ka nna wa tshwantshanya kamano ya bone le ditlhare tse pedi tse di golang di bapile. Maikutlo a monna le mosadi ba ba itumetseng mo lenyalong a a golagana. Mme go tweng fa monna kgotsa mosadi a tlhokafala? Kamano eo ya bone ya botshelo jotlhe e a fela. Gantsi motlholagadi kgotsa moswagadi o sala a utlwile botlhoko, a jewa ke bodutu kgotsa gongwe e bile a galefile kgotsa a ipega molato. Mo dingwageng di le 58 tse Daniella a di feditseng a nyetswe, o ne a itse batho ba le bantsi ba ba swetsweng ke balekane ba bone. Le fa go ntse jalo, fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala, o ne a re: “Pele ga ke diragalelwa ke seno, ke ne ke sa tlhaloganye botlhoko jo batho bao ba neng ba bo utlwa. Ga go jaaka o ka bo tlhaloganya go fitlha wena ka bowena o lebana le jone.” BOTLHOKO JO GO BONALANG BO SA FELE Babatlisisi bangwe ba dumela gore ga go na go ngomoga pelo mo go botlhoko jaaka go swelwa ke molekane yo o mo ratang. Batho ba le bantsi ba ba swetsweng ba dumalana le seo. Monna wa ga Millie o ne a tlhokafala dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Fa a tlhalosa botshelo jwa gagwe e le motlholagadi, o ne a re: “Ke ikutlwa e kete ke segole.” O ne a bua ka maikutlo a Maina a fetotswe. 27 ya go swelwa. Ga re a tshwanela go tsaya gore go lela ga bone kgotsa khutsafalo ya bone e bontsha gore ba bokoa, go na le moo, re tshwanetse go tlhaloganya ditlamorago tsa go latlhegelwa ga bone. Ba ka nna ba tlhoka gore re ba gomotse le go ba ema nokeng ka lobaka lo loleele. SE TSHWENYEGE KA LETSATSI LE LE LATELANG Modimo a ka go thusa gore letsatsi le letsatsi o kgone go itshokela go swelwa ke molekane gagwe a a bakilweng ke go swelwa ke monna yo a neng a nyalane le ene ka dingwaga di le 25. Susan o ne a akanya gore batlholagadi ba ba fetsang dingwaga di le dintsi ba hutsafaletse banna ba bone ba feteletsa dilo. Mme monna wa gagwe yo a neng a nyalane le ene ka dingwaga di le 38, o ne a tlhokafala. Go fetile dingwaga di le 20, mme gone o sa ntse a re: “Ke akanya ka ene letsatsi le letsatsi.” Gantsi o a lela ka gonne a mo tlhoafalela thata. Baebele e bontsha boammaaruri jwa gore botlhoko jwa go swelwa ke molekane bo bogolo e bile bo tsaya lobaka go fela. Fa Sara a ne a tlhokafala, monna wa gagwe e bong Aborahame, o ne a ‘mo hutsafalela le go mo lelela.’ (Gen. 23:1, 2) Le fa gone Aborahame a ne a dumela mo tsogong, o ne a hutsafala thata fa a swelwa ke moratiwa wa gagwe. (Baheb. 11:17-19) Fa Jakobe a sena go swelwa ke mosadi wa gagwe yo a neng a mo rata e bong Ragele, ga a ka a mo lebala ka bonako. O ne a bua ka ene ka tsela e e bonolo.—Gen. 44:27; 48:7. Re tshwanetse go ithuta eng mo dikaong tseno tse di mo Dikwalong? Gantsi batlholagadi le baswagadi ba fetsa dingwaga di le dintsi ba utlwile botlhoko ka ntlha 28 Fa motho a nna motlholagadi kgotsa moswagadi ga se gore o boela mo boemong jwa go se nne mo lenyalong. Morago ga dingwaga di le dintsi monna le mosadi ba nyalane, gantsi monna o itse kafa a ka gomotsang mosadi wa gagwe ka gone le go mo kgothatsa fa a ngomogile pelo kgotsa a tlaletswe. Fa monna a sa tlhole a le gone, mosadi ga a tlhole a na le ope yo o ka mmontshang lorato le go mo gomotsa. Ka tsela e e tshwanang, fa nako e ntse e ya mosadi o ithuta kafa a ka dirang gore monna wa gagwe a nne a sireletsegile e bile a itumetse ka gone. Tsela e e bonolo e a mo amang ka yone, mafoko a gagwe a a monate le kafa a kgatlhegelang dilo tse a di ratang ka gone, ga di ka ke tsa bapisiwa le sepe. Fa a tlhokafala a ka nna a ikutlwa e kete botshelo jwa gagwe ga bo na bokao. Ka jalo, bangwe ba ba hutsafaletseng balekane ba bone ba a tlhobaela e bile ba a boifa fa ba akanya ka isagwe. Ke molaomotheo ofe wa Baebele o o ka ba thusang gore ba nne le kagiso le tshireletsego? “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.” (Math. 6:34) Mafoko ao a ga Jesu totatota a bua ka dilo tse re di tlhokang mo botshelong, mme gone a thusitse batho ba le bantsi gore ba itshokele kutlobotlhoko ya go latlhegelwa ke mongwe yo ba mo ratang. Moswagadi mongwe yo o bidiwang Charles o ne a kwala jaana morago ga go tlhokafalelwa ke mosadi: “Ke sa ntse ke gopola Monique thata, mme ka dinako dingwe e kete go nna maswe le go feta. Le fa go ntse jalo, ke a lemoga gore ga go phoso go ikutlwa jalo le gore fa nako e ntse e ya, kgabagare botlhoko joo bo tla fokotsega.” Charles o ile a tshwanelwa ke go itshoka ka nako e e rileng. O kgonne jang go dira jalo? A re: “Jehofa o ne a nthusa gore ke kgone go lebana le letsatsi lengwe le lengwe.” Charles ga a ka a fekeediwa ke khutsafalo eo. Kutlobotlhoko ya gagwe ga e a ka ya fela ka letsatsi le le lengwe, mme gone ga e a ka ya mo fekeetsa. Fa e le gore o swetswe ke molekane, leka gore o se ka wa tlhoTORA YA TEBELO baela ka letsatsi le le latelang. Ga o itse gore o tla kgothadiwa ke eng mo letsatsing le le latelang. Loso e ne e se boikaelelo jwa ga Jehofa jwa kwa tshimologong. Go na le moo, ke nngwe ya “ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Joh. 3:8; Bar. 6:23) Satane o dirisa loso le poifo ya loso go dira gore batho ba se ka ba nna le tsholofelo. (Baheb. 2:14, 15) Satane o a itumela fa mongwe a felelwa ke tsholofelo ya gore o tla bona boitumelo jwa mmatota le kgotsofalo, tota le mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ka jalo, kutlobotlhoko e molekane yo o swetsweng a nnang le yone, ke ditlamorago tsa boleo jo Adame a bo dirileng le maano a a boferefere a ga Satane. (Bar. 5:12) Jehofa o tla dirolola tshenyo yotlhe e e bakilweng ke Satane, a fenya sebetsa sa gagwe se se setlhogo e leng loso. Batho ba ba tla bong ba golotswe mo poifong e e bakwang ke Satane, ba akaretsa batho ba le bantsi ba ba swetsweng ke balekane, jaaka go ka tswa go ntse ka wena. Ga go pelaelo gore batho ba ba tsoseditsweng go tshela mo lefatsheng ba tla fitlhela go na le diphetogo di le dintsi mo tseleng e batho ba dirisanang ka yone. Akanya ka batsadi, borremogolo le bommèmogolo le bagologolwane ba bangwe, ba ba tla tshelang gape ba bo ba itekanela kgato ka kgato mmogo le bana ba bone le ditlogolo tsa bone. Ditlamorago tse di bakwang ke botsofe di tla bo di fedisitswe. A gongwe dikokomana tse disha di tla tshwanelwa ke go ithuta go leba bagologolwane ba bone ka tsela e e farologaneng thata le e ba ba lebang ka yone gompieno? Mme a ga re akanye gore diphetogo tseo e tla nna nngwe ya dilo tse di tla tokafatsang botshelo jwa batho? Go na le dipotso di le dintsi tse re ka ipotsang tsone Gomotsa ba ba Hutsafetseng Morago ga go Swelwa Ka nako e e rileng morago ga gore Mokeresete yo o mo lenyalong a tlhokafale, batho ba le bantsi ba ka nna ba tla go gomotsa molekane wa gagwe le go mo thusa ka dilo di le mmalwa. Ka sekai, motlholagadi a ka nna a anaanela thuso e ba lelapa le ditsala ba ka mo nayang yone. Le fa go ntse jalo, botlhoko jo a bo utlwang bo ka nna jwa tsaya lobaka gore bo fole, mme a ka nna a tlhoka go gomodiwa le go engwa nokeng ka nako e e rileng. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Dia. 17:17. O tshwanetse go dumedisa jang motho yo o hutsafetseng? Baebele e re gakolola jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo.” (1 Pet. 3:8) Mokeresete yo o swetsweng a ka nna a ikutlwa a hutsafetse ka lobaka lo lo rileng. Ka jalo, le fa o ka tswa o na le maikaelelo a a siameng, go ka tswa go se molemo go bua mafoko a a jaaka, “Go ntse go ya jang?” kgotsa, “A tsotlhe di siame?” Motho yo o hutsafetseng a ka nna a akanya gore, ‘Ga o itse gore ke ikutlwa jang’ kgotsa, ‘Go ka siama jang mo nakong e e ntseng jaana?’ Ka jalo, go ka nna molemo gore o bue mafoko a a agang a a jaaka, “Ke itumeletse go go bona,” kgotsa, “Fa ke go bona mo dipokanong ke a kgothala.” O ka nna wa laletsa motho yo o tlhokafaletsweng gore a tle go ja dijo tse di motlhofo le wena kgotsa gore lo itshidile dinao. Marcos yo e leng moswagadi, o ne a gomodiwa ke ditsala tsa gagwe tse di neng di mo etela. Ba ne ba bua ka eng? A re: “Ba ne ba sa bue go le kalo ka mathata a me mme ba ne ba bua ka sengwe le sengwe fela se se kgothatsang.” Motlholagadi yo o bidiwang Nina, a re: “Gantsi ditsala tsa me tse dikgolo di bua mafoko a a tshwanetseng ka nako e e tshwanetseng. Ka dinako dingwe ga ba bue sepe—ba nna fela le nna.” Fa motho yo o swetsweng a batla go bua ka se se mo diragaletseng, mo reetse ka tlhoafalo e bile o le pelotelele. Tila go mmotsa dipotso fela ka ntlha ya go bo o batla go itse se se diragetseng. O se ka wa mo atlhola. Ga go tlhokege gore o mo neye kgakololo malebana le kafa a tshwanetseng go hutsafala ka gone kgotsa gore o tshwanetse go hutsafala lobaka lo lo kae. O se ka wa utlwa botlhoko fa motho yoo a batla go nna a le esi. O ka nna wa mo etela ka nako e nngwe. Tswelela o mmontsha lorato.—Joh. 13:34, 35. A o Na le Dipotso Malebana le Isagwe? Ke ga tlholego fela gore re ipotse dipotso malebana le go diragadiwa ga ditsholofetso tsa ga Jehofa. Aborahame o ne a nna a akanya ka tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla mo naya morwa. Jehofa o ne a mo kgothaletsa gore a nne pelotelele. Monna yoo yo o ikanyegang ga a ka a kgobega marapo. —Gen. 15:2-5; Baheb. 6:10-15. Fa Jakobe a sena go utlwa ka loso lwa ga Josefa, o ne a mo tlhoafalela fela thata. Dingwaga di le dintsi morago ga foo, Jakobe o ne a sa ntse a hutsafaletse morwawe yo a neng a akanya gore o sule. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a beetse Jakobe yo o ikanyegang tshegofatso e a neng a tla mo naya yone, e leng sengwe se Jakobe a neng a sa akanye gore se tla direga. Fa nako e ntse e ya, Jakobe o ne a bona Josefa gape, mme gape o ne a itumelela go bona ditlogolwana tsa gagwe. Jakobe o ne a re: “Ke ne ke sa akanye gore ke tla bona sefatlhego sa gago, mme bona, Modimo o ntetlile gore ke bone le bana ba gago.”—Gen. 37: 33-35; 48:11. Re ithuta eng mo dipegong tseno? Sa ntlha, tlhomamisega gore ga go sepe se se ka thibelang Modimo Mothatayotlhe gore a diragatse thato ya gagwe. Sa bobedi, fa re rapela re bo re dira dilo go dumalana le thato ya ga Jehofa, o tla re tlhokomela gone jaanong, e bile mo isagweng o tla re naya ka botlalo se re se tlhokang le se re se eletsang. Paulo o ne a kwala jaana: “Kwa go yo a ka kgonang go dira se se fetang thata dilo tsotlhe tse re di kopang kgotsa re di bopang mo mogopolong, go ya ka maatla a gagwe a a dirang mo go rona, kwa go ene go nne kgalalelo ka phuthego le ka Keresete Jesu mo dikokomaneng tsotlhe ka bosaengkae le go ya go ile. Amen.”—Baef. 3:20, 21. 30 ka batho ba ba tsositsweng, jaaka tse di malebana le batho ba ba swetsweng ke balekane ba babedi kgotsa go feta. Basadukae ba ne ba botsa potso malebana le mosadi yo monna wa gagwe wa ntlha a neng a tlhokafala, go tswa foo ga tlhokafala wa bobedi, mme ga nna jalo le ka ba bangwe ba ba latelang. (Luke 20:27-33) Mosadi yoo o tla nna le kamano efe le banna bao fa ba tsoga? Tota ga re itse, e bile ga go botlhokwa gore re nnele go fopholetsa kgotsa gore re tlhobaele ka dilo tseo tse re sa di itseng. Gone jaanong, re tshwanetse go ikanya Modimo. Sa botlhokwa ke gore sengwe le sengwe se Jehofa a tla se dirang mo isagweng se tla nna molemo, ke sengwe se re solofetseng go se bona e seng se re tshwanetseng go se boifa. TSHOLOFELO YA TSOGO E A RE GOMOTSA Nngwe ya dithuto tse di utlwalang sentle tse di mo Lefokong la Modimo ke gore batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng ba tla tshela gape. Dipego tsa Baebele tsa batho ba ba tsositsweng mo nakong e e fetileng di re tlhomamisetsa gore ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la ga Jesu mme ba tla tswa.’ (Joh. 5:28, 29) Batho ba ba tla bong ba tshela ka nako eo, ba tla itumela fa ba kopana le batho ba ba golotsweng mo botshwarong jwa loso. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ga re kgone go akanya ka boitumelo jo batho ba ba tla bong ba tsositswe ba tla nnang le jone. Fa baswi ba tsoga, lefatshe le tla tlala boitumelo jo bo iseng bo ke bo nne gone. Dibilionebilione tsa batho ba ba neng ba sule di tla tshela gape. (Mar. 5:39-42; Tshen. 20:13) Fa batho botlhe ba ba swetsweng ke batho ba ba ba ratang ba tlhatlhanya ka kgakgamatso eno ya mo isagweng, ba tshwanetse go gomotsega. A go na le ope fela yo o nang le lebaka le le utlwalang la go hutsafala fa tiragalo eo e e itumedisang ya tsogo e diragala? Baebele ya re ga go a nna jalo. Go ya ka Isaia 25:8, “ruri [Jehofa] o tla kometsa loso ka bosaengkae.” Seo se akaretsa go tlosa gotlhelele diphelelo tse di ngomolang pelo tse di bakiwang ke loso, ka gonne boporofeti joo bo tswelela ka go re: “Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” Fa e le gore gone jaanong o hutsafetse ka ntlha ya go swelwa ke molekane, ruri tsholofelo ya tsogo e tla go naya lebaka la go itumela. Ga go ope yo o tlhaloganyang ka botlalo se Modimo a tla se dirang mo lefatsheng le lesha. Jehofa a re: “Jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikaTORA YA TEBELO Ikanye tsholofetso ya ga Jehofa ya isagwe e e itumedisang kanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.” (Isa. 55:9) Tsholofetso ya ga Jesu e e malebana le tsogo ya baswi e e tlang, e re naya tshono ya go ikanya Jehofa, fela jaaka Aborahame a ile a dira. Selo sa botlhokwa se Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go se dira gone jaanong ke go dira se Modimo a batlang gore re se dire, mme ka jalo, a ‘kaiwe a tshwanela go bona tsamaiso ele ya dilo’ mmogo le ba ba tsositsweng. —Luke 20:35. LEBAKA LA GO NNA LE TSHOLOFELO Go na le gore o tlhobaele, lwela gore o nne le tsholofelo. Go ya ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, isagwe e bonala e le letobo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re naya tsholofelo ya sengwe se se botoka. Ga re itse ka botlalo gore Jehofa o tla re naya jang se re se tlhokang le se re se eletsang, le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go belaela gore o tla dira jalo. Paulo o ne a re: “Tsholofelo e e bonwang ga se tsholofelo, gonne fa motho a bona selo, a o a se solofela? Mme fa e le gore re solofeDECEMBER 15, 2013 la se re sa se boneng, re nna re se letela ka boitshoko.” (Bar. 8:24, 25) Go nna le tsholofelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa Modimo go tla go thusa gore o itshoke. Fa o itshokile, o tla bona isagwe eo e e itumedisang e mo go yone Jehofa a tlileng go “go naya dikopo tsa pelo ya gago.” O tla ‘kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’—Pes. 37:4; 145:16; Luke 21:19. Fa nako ya gore Jesu a swe e ne e atamela, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba hutsafala thata. Jesu o ne a ba gomotsa ka mafoko ano: “Lo se ka lwa letla dipelo tsa lona go tshwenyega. Dumelang mo Modimong, dumelang le mo go nna.” Gape o ne a ba raya a re: “Ga ke na go lo tlogela lo hutsafetse. Ke etla kwa go lona.” (Joh. 14:1-4, 18, 27) Mafoko ano a ne a tla naya balatedi ba gagwe ba batlodiwa lebaka la go nna le tsholofelo le la go itshoka, go ralala makgolokgolo a dingwaga. Ba ba tlhologeletsweng go bona baratiwa ba bone ba tsosiwa le bone ga ba na lebaka la go itlhoboga. Jehofa le Morwawe ba ka se ka ba ba tlogela ba hutsafetse. O ka tlhomamisega ka seo! 31 KAEDI YA DITLHOGO TORA YA TEBELO YA 2013 E supa letlha la makasine o setlhogo se tlhagang mo go one E a Tlhaloganyesega, 4/1 Letlotlo le le Fitlhegileng (Baebele ya kwa Georgia), 6/1 Molaetsa wa Baebele wa Reng? 10/1 BAEBELE E FETOLA MATSHELO ‘Batho Ba ne Ba Ntlhoile’ (W. Moya), 10/1 ‘Ga ke Tlhole ke Batla go Fetola Lefatshe” (J. Sylgren), 7/1 ‘Go Iponela Boammaaruri’ (L. Alifonso), 2/1 ‘Ke ne Ka Simolola go Itharabologelwa’ (A. Hancock), 8/1 “Ke ne Ke Batla go Nna Moruti” (R. Pacheco), 5/1 “Ke ne Ke le Peloethata” (E. Leinonen), 4/1 “Kgabagare ke Bone Kgololesego ya Mmatota” (B. Hewitt), 1/1 BASUPI BA GA JEHOFA Ba Ithaopile ka go Rata Mexico, 4/15 Ba Ithaopile ka go Rata Norway, 1/15 Ba Ithaopile ka go Rata Philippines, 10/15 Ba ne Ba Nna ba Nitame mo “Nakong ya Teko” (Ntwa ya Lefatshe ya I), 5/15 Go Babadi ba Makasine Ono (Makasine wa Tora ya Tebelo), 1/1 Go Direla Modimo ke Molemo! 11/15 ‘Jaaka Khudu E e Mo Legapeng (koloi ya ntlo), 11/15 Jehofa O ne A ba Sireletsa (motlha wa Banasi), 12/15 Kgosi E ne E Itumetse Thata! (Swaziland), 8/15 “Leba Ditshwantsho!” 7/15 ‘Lefoko la Modimo ke Boammaaruri!’ Dikopano Tsa Kgaolo, 5/1 Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang (M. Sanderson), 7/15 Letsholo le le Rulagantsweng Sentle (Chile), 1/15 O se Ka wa Felelwa ke Tsholofelo! 3/15 “Sengwe Se se Sa Lebalesegeng” (“Creation Drama”), 2/15 BOTSHELO LE DINONOFO TSA BOKERESETE Bagolwane—Lapolosang “Moya o o Lapileng”? 6/15 Batsadi—Thapisang Bana go Tswa Boseeng, 8/15 Bua le Ngwana Kwantle ga go Ngangisana, 11/1 Ela Tlhoko Maikaelelo a Pelo, 2/15 Go Dirisana Le ba Ba Seng mo Lelapeng la Bobedi, 5/1 Gomotsega—Gomotsa ba Bangwe, 3/15 Go Swelwa ke Molekane, 12/15 Go Tlhagisa ba Bangwe? 10/15 Lenyalo la Bobedi, 7/1 Lenyalo le ka Nna le le Itumetseng, la Atlega, 9/1 Morago ga Tlhalo, 10/1 Ngwana yo o Bokoa mo Mmeleng, 2/1 Petere le Ananiase ba Buile Maaka—Re Ithuta Eng? 3/1 Re Ithuta Eng mo Sekebekweng? 6/1 DIKGANG TSA BOTSHELO Dingwaga di le 50 Tsa Tirelo ya Nako e e Tletseng Gaufi le Arctic Circle (A. le A. Mattila), 4/15 Go Direla Jehofa Botshelo Jotlhe (B. Walden), 12/1 Go Ikaega ka Jehofa go re Solegetse Molemo (M. Allen), 10/15 Go Ikobela Jehofa go Ntliseditse Masego a Mantsi (E. Piccioli), 6/15 Go Tlhagafalela go Direla Jehofa Gongwe le Gongwe (M. le J. Hartlief), 7/15 Jehofa ‘o Nthwalela Morwalo Letsatsi le Letsatsi’ (M. du Raan), 8/15 “Ke ne Ka Bona, Mme Ga ke A Tlhaloganya” (O. Hamel), 3/1 Lebaka La go Bo Botshelo Jwa Rona Bo na Le Bokao (P. Smith), 5/15 Re Humanegile Mme re Humile Semoyeng (A. Ursu), 9/1 DIPOTSO TSE DI TSWANG KWA BABADING A Baiseraele Ba ne Ba Kaletsa Batho? 5/15 O ka itseela makasine ono le dikgatiso tse dingwe mahala mo www.jw.org/tn Bana ba ba Kgaotsweng ba ka Nna le Batsadi? 8/15 “Bomorwa Modimo wa Boammaaruri” ke Bomang? (Ge 6: 2, 4), 6/15 Ke Eng fa Jesu A ne A lela? (Joh 11:35), 9/15 DITLHOGO TSA THUTO Akanyetsanang Lo bo Lo Kgothatsaneng, 8/15 Anaanela Boikanyegi Jwa ga Jehofa le go Itshwarela ga Gagwe, 6/15 Anaanela Bopelotshweu Jwa ga Jehofa le go Nna Tekatekano ga Gagwe, 6/15 Anaanela Dinonofo Tsa ga Jehofa ka Botlalo, 6/15 A o Anaanela Boswa Jwa Rona Jwa Semoya? 2/15 A o Ile wa Fetoga? 9/15 A o Na le ‘Pelo ya go Itse’ Jehofa? 3/15 A o Tla Intsha Setlhabelo ka Ntlha ya Bogosi? 12/15 A o ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’? 5/15 Ba ba Ratang Jehofa “Ga ba Na Sekgopi,” 3/15 Badisa ba le Supa, Dikgosana di le Robedi—Se di Se Kayang Gompieno, 11/15 Badisa, Etsang Badisa ba Bagolo, 11/15 Bagolwane ba Bakeresete—‘Badirimmogo Gore re Ipele,’ 1/15 Batsadi le Bana—Buisanang ka Lorato, 5/15 Bobulatsela bo Nonotsha Kamano ya Rona le Modimo, 9/15 “Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”, 7/15 Dikgakololo Tsa ga Jehofa di a Ikanyega, 9/15 Dira Dilo go Dumalana le Thapelo ya ga Jesu e e Lorato, 10/15 Dira Ditshwetso Tsa Gago ka Botlhale, 9/15 Dira Gore Dikgakololo Tsa ga Jehofa e Nne Boitumelo Jwa Pelo ya Gago, 9/15 Diragatsa Seabe sa Gago sa go Nna Moefangele, 5/15 ‘Dirang Seno E le Go Nkgopola,’ 12/15 Dirisa Lefoko la Modimo go Thusa Wena le ba Bangwe, 4/15 Ela Tlhoko Gore o Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe, 8/15 E re Ka O “Simolotse Go Itse Modimo”—O Tla Dira Eng Jaanong? 3/15 Go Direla Modimo re sa Ikwatlhaye, 1/15 Go Fepa ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa, 7/15 Ikobele Badisa ba ga Jehofa, 11/15 Jehofa—Lefelo la Rona la Bonno, 3/15 Jono ke Boswa Jwa Rona Jwa Semoya, 2/15 Letla Kotlhao ya ga Jehofa e go Bope, 6/15 Lo Itshepisitswe, 8/15 “Lo Nne lo Thantse Malebana le Dithapelo,” 11/15 “Lo se Ka Lwa Lapa,” 4/15 Nna mo Mokgatšheng wa ga Jehofa wa Tshireletso, 2/15 “Nnang Batlhanka ba ga Jehofa,” 10/15 Nna o Atamalane le Jehofa, 1/15 Nna Pelokgale—Jehofa O na Le Wena! 1/15 Nonotsha Lenyalo la Gago ka Puisano e e Molemo, 5/15 O se Ka wa “Galefela Jehofa”, 8/15 Popo e Senola Modimo yo o Tshelang, 10/15 “Re Bolelele, Dilo Tseno di Tla Nna Leng?” 7/15 Re ka Tswelela Jang Re na Le “Boikutlo Jwa go Leta”? 11/15 Se Letle Sepe go go Katosetsa Kgakala le Jehofa, 1/15 Se Letle Sepe se go Thibela go Bona Kgalalelo, 2/15 ‘Seno e Tla Nna Segopotso mo go Lona,’ 12/15 Se re Ithutang Sone mo Thapelong e e Baakanyeditsweng Sentle, 10/15 Sireletsa Boswa Jwa Gago ka go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale, 5/15 Solegelwa Molemo ka Botlalo ke go Bala Baebele, 4/15 Tilang go “Tshikhinngwa ka Bofefo mo go Akanyeng ga Lona”! 12/15 ‘Tlhomamisang Dilo Tse di Botlhokwa Thata,’ 4/15 Tlotla Leina la ga Jehofa le Legolo, 3/15 “Tota Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale ke Mang?” 7/15 Gape o ka bala Thanolo ya Lefatshe le Lesha mo Internet DITLHOGO TSE DINGWE A Dipuo di Simologile Kwa ‘Toreng ya Babele’? 9/1 A o Ka Ikanya Bodumedi? 7/1 A re Ka Itshwarelwa Maleo? 5/1 A Tempele ya Jerusalema E ne Ya Agiwa Sesha Morago ga 70 C.E.? 4/15 A Tota e Kwadilwe ke Josephus? 3/15 Bajuda Ba ne Ba Baakanyetsa go Fitlha Baswi Jang? 3/1 Bokhutlo Jwa Lefatshe, 1/1 Botshelo jo bo Nang le Bokao, 4/1 Diabolo o Tswa Kae? 2/1 Dirisa Mokgwa wa go Farologanya, 9/15 Ditshwantsho Tse di Hepisang—A di Siame Kgotsa di Kotsi? 8/1 Efangele ya ga Judase, 2/1 Elisha O ne A Bona Dikara Tsa Molelo, 8/15 E ne E le Wa Lelapa la ga Kaiafase, 2/15 Go Rapela Baitshepi? 6/1 Go Tshelela Ruri, 7/1 Kagiso mo Lefatsheng, 6/1 Ke Bomang ba ba Yang Legodimong? 11/1 Ke Eng fa Batho Bangwe mo Baebeleng ba sa Bidiwe ka Maina? 8/1 Ke ka Ntlha Yang fa Pogo e le Kana Kana? 9/1 Kgotlho (go dirisiwa bogologolo), 12/1 Letlhoo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe, 6/1 Lobota lo lo Thekeletsang mo Borulelong Jwa Matlo a Bajuda, 4/1 Mmala o go Ama Jang? 10/1 Modisa wa Mmusimogolo o Amogela Bosupi, 2/15 Moshe, 2/1 Ninife “Motse wa Tshololo ya Madi,” 4/1 “O ne A Bolelwa a Siame ka Ditiro” (Rahabe), 11/1 O ne A Bolokwa a “Babalesegile le ba Bangwe ba le Supa” (Noa), 8/1 O ne A “Tsamaya le Modimo” (Noa), 4/1 “O sa Ntse a Bua” (Abele), 1/1 Thusa ba Bangwe ka Dilo Tse ba di Tlhokang, 11/15 Tsogo ya Baswi, 10/1 JEHOFA A Modimo o Setlhogo? 5/1 A re Tlhoka Modimo? 12/1 A Tota o Amega ka Wena? 5/1 “Dinonofo Tse di sa Bonaleng Tsa Gagwe di Bonwa Sentle” 8/1 Jehofa “Ga a Na Tlhaolele,” 6/1 ‘Jehofa O ne A lo Itshwarela,’ 10/1 ‘Ke Modimo wa Batshedi,’ 2/1 Leina, 1/1 Maaka a a Dirang Gore Modimo a Lebege a sa Ratege, 11/1 Modimo a ka Utlwa Botlhoko, 9/1 “Modimo o Rata yo o Nayang ka Boitumelo,” 9/1 ‘Moduedi Wa ba Ba Mmatlang ka Tlhoafalo,’ 11/1 “Nnang lo Kope,” 4/1 O a Amega fa re Boga? 7/1 ‘O Dira Dilo Tsotlhe Disha,’ 12/1 “O di Senoletse Masea,” 1/1 O Reetsa Dithapelo Tsotlhe? 8/1 O Tlatsa ‘Dipelo Tsa Rona ka Botlalo’ 7/1 ‘Taelo ya Ntlha ke Efe?’ 3/1 JESU KERESETE Go Boa ga ga Keresete, 12/1 Go Fitlha Baswi, 3/1 Ke Eng a Bidiwa Morwa Modimo? 3/1 O ne A Bopiwa Leng? 3/1 O ne A “Rerela Meya E e Mo Kgolegelong” (1Pe 3:19), 6/15 O ne A Solofetsa Modirabosula Botshelo Kwa Legodimong? 3/1 Re Tshwanetse go mo Gopola Jang? 12/1 Tsogo, 3/1 Ya kwa www.jw.org/tn kgotsa o skene khoutu w13 12/15-TN 130827 BAEBELE
Documenti analoghi
Issue 1 - Moranang 2009 - Royal Bafokeng Holdings
Ka thekenoloji ya go banka ka mogala wa
letheka, batshodi ba akhaonto ya Wizzit ba
ka bona ditirelo tse di feletseng tsa go banka.
Sebopego sa Wizzit se letla beng ba
diakhaonto gore ba duele dikol...